Rotloetsang bana go tsena mo temong
04 May 2025
Batsadi ba gakolotswe go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le temo.
Go gakolotse jalo dibui ka go farologana jaaka komiti ya balemi ya Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, e ne e rulagantse letsatsi le ka lone balemi ba kgaolo ya Makaleng ba neng ba etetse kwa tshimong ya ga Rre Martin Mokgethi Moranang e le masome a mararo.
Bo kopano joo, bo ne bo tsenwe ke balemi ba Gulubane, Masingwaneng, Matenge, Makaleng, Sechele le Mambo mme moono e le go kopanya balemi go tla go abelana megopolo le go anya dikitso dingwe tsa temo mo go ba bangwe.
Dibui di ne tsa supa fa Batswana ba tswa goo Lowe ba ikaegile ka temo, mme ba supa fa jaanong go lebega mowa oo, o nyelela ka ntlha ya go bo banana ba sa inaakanye le yone. Ka jalo ba ne ba gwetlha batsadi go dira gotlhe go fetisetsa mowa wa temo kwa baneng, ba supa seo se ka thusa lefatshe leno go kgona go itirela dijo, go na le go ikaega ka mafatshe a mangwe.
Setlhogo sa letsatsi leo se se reng: Tiriso ya Methale e e Farologaneng ya Temo go Oketsa Thobo, go boletswe fa se gwetlha balemi go inaakanya le methale e mesha ya temo gore ba kgone go ntsha thobo e e nametsang go ka jesa lefatshe leno, sekai e le tiriso ya menontshane, e go boletsweng e le nngwe ya tse balemi ba ka e dirisang.
Ba-tsena bo kopano joo, ba gakolotswe go tlhatlhoba mmu wa masimo a bone pele ba baya ditema, go itse ka mofuta wa menontshane le selekanyo se se tlhokafalang mo go one, ba itsisiwe fa menotshane e sena botlhabetsi bope jwa go kgotlela mmu le dijalo fa e dirisitswe ka fa tshwanelong.
Balemi ba tsweletse ba tsibosiwa ka botlhokwa jwa go sa lema mefuta e mentsi ya dijalo mo masimong mme boemong jwa moo ba tlhophe mefuta ya dijalo e ka tshwara bobedi kgotsa boraro, e ba lemogang e dira sentle mo tshimong.
Go dira jalo go tlhalosiwa fa go ka thusa molemi go tlhokomela dijalo tsa gagwe botoka mme seo se mo thuse go ntsha ditswa temong tsa boleng. Ba ne gape ba gakololwa ka mothale wa tiriso ya tshefi go lwantsha mohero.
Fa a tswa la gagwe, Rre Mokgethi o ne a tlhalosa fa mo pakeng eno ya temo, a beile ditema di robabobedi, tse mo go tsone tse pedi a dirisitse menontshane, a supa fa a lemile mehuta e le mmalwa ya dijalo, di akaretsa mabele, lebelebele, marotse, mmidi, Lablab le dinawa.
Mo godimo ga moo, Rre Mokgethi o ne a tlhalosa fa a dirile ditekeletso tsa go lema dinawa, tse a boletseng go supagetse di dira sentle mo tikologong eo. A re o ne a ithekela peo yotlhe ya dijalo tse a di lemileng, ka jalo a gwetlha balemi ka ene go seke ba ikaega fela mo dipeong tse ba thusiwang ka tsone ke puso, go itsa gore ba felele ba lema morago ga nako.
Rre Mokgethi a re le fa dijalo dingwe di sa dira sentle ka ntlha ya phetogo ya loapi, thobo ya e a nametsa. Rre Mokgethi yo e leng modiri wa pele wa lephata la dikgolegelo, o supile fa a nnile lesego ka go bona sebaka sa go anya dithuto tse di neng di fiwa magolegwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masingwaneng
Event : Phuthego
Date : 04 May 2025







