Breaking News

Maboane o di goga kwa pele moborukutlhing

01 May 2025

Kgaolwana ya Maboane go begwa fa e di goga kwa pelo mo borukutlhing.

 Se, se builwe ke mookamela sepodisi sa Takatokwane, Superintendent Lesego Godiramang mo phuthegong ya kgotla kwa Masope e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Takatokwane, Rre Jacob Kelebeng bosheng..

Supt Godiramang a re kgaolwana ya Maboane e a ba hupetsa ka borukutlhi, a re ba leka thata go nna le koloi kwa Maboane fa seemo sa dikoloi se letla, go leka go itepatenya le seemo le mororo dikoloi le mapodisi ba tlhaela.

Mme Godiramang a re ga gona molato o o seong mo kgaolwaneng eo, go akarediwa go utswiwa ga megala ya didiba tsa moepo, dipolaano, dikgang tsa kgokgontsho le bogodu jwa leruo jo bo atileng thata kwa Masope. Seemo se a re se gakatswa bobe ke seemo sa gore ga go sekwe kwa kgotleng ya Maboane, a re tsheko ya bofelo kwa kgotleng eo ke ka ngwaga wa 2022.

 “Re sale re latlhegelwa ke kgosi ka 2022, fa e sale nako eo ga re seke mo Maboane,” a tlhalosa

Seemo se a re se dira gore dirukutlhi di ipoeletse gantsi go dira melato, a tlatsa ka gore o kile a kopa ba makgotla a setswana go dira thulaganyo ya go tlhoma kgosi e e thusang ka go sekisa.

“Re tshwara motho re bo re mo golola , jaanong o kare re a tshosetsa,” a tlhalosa.

Mo godimo ga moo a re ba tshwere bothata jwa majalwa a a direlwang mo malwapeng kwa kgaolwaneng ya Maboane, a re melato kgotsa borukhutlhi ka bontsi ke dikgang tse di amanang le majalwa a, mme e bile bo diragalela kwa mafelong ao.

O ne a gwetlha setshaba go itshekatsheka go bona gore ga ba na seabe mo borukutlhing joo e bile a ba kopa go rwala boikarabelo jwa go thusa go lwantsha borukutlhi.

Tebang le matshwenyego a gore ga ba tsiboge ka pela fa batho ba kua mokgosi, Superintendent Godiramang o tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go tsiboga ntswa ba na le bothata jwa tlhaelo ya dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Masope

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 May 2025