Lenaneo la ditoga maano le tlaa baya batho pele
01 May 2025
Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o rurifaditse fa ditlogamaano tsa ditlhabololo tsa bo lesome le bobedi (NDP12) di tla agiwa ka go eteletsa pele megopololo le dikeletso tsa sechaba lefatshe ka bophara.
Tona Motshegwa o buile jalo bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tobane, a re ditogamaano tsa bo lesome le bobedi ke kaedi ya ditlhabololo tse di tlhokwang ke morafe mo mafelong ka go farolgana ka jalo megopolo le dikeletso tse ba dintshang e tla nna kaedi ya gore sechaba se tlhoka dife ditlhabololo.
A re puso e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tokafatsa ditlamelo ka go farologana, go tlhabolola matshelo ka jalo go botlhokwa gore sechaba se nne le seabe go ntsha megopolo le dikeletso tse puso e tla di seegelang tsebe.
Tona Motshegwa o boletse gape fa puso e lemoga ka matlo a borutelo mo mafelong ka go farologana a seemo sa one se sa kgatlhiseng. A re seo se ka kgoba baithuti le barutabana marapo, ka jalo a re puso e tla a dira ka gotlhe go tokafatsa seemo.
O tlhalositse gape fa puso e tlaa tlhabolola dikokelwana mo mafelong ka go farologana lefatshe ka bophara. A re maikaelelo ke go dira gore dikokelwana tseo di tlhatlhosiwe go dirwe le diphaphosi tsa pelegi (labour ward). A re seo ke go fokotsa dikgwetlho dingwe tse bomme ba ba itsholofetseng mo metseng e senang ditlamelo tsa pelege ba lebangweng ke tsone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tobane, Mme Lesedi Ngaka o lekodisitse Tona Motshegwa ka ditsompelo tsa borutelo tse di tlhaelang e bile di se mo seemong se se kgatlhisang kwa sekolong se se golwane sa motse.
A re tlhaelo ya matlo a boroko a barutabana, matlo a borutelo, le matlo a boroko a baithuti ga mmogo le tlhaelo ya matlwana a boiteketso ke dingwe tse di bayang barutabana le baithuti ka ka fa mosing. Mme Lesedi o bile gape a supa fa kokelwana ya motse le yone e tlhoka koloi ya balwetse ga mmogo le mokgweetsi wa yone.
Go sale foo, o tlhalositse fa go dirwa ga mosele wa kgopo ya metsi a pula e e lopileng P1.8 million ke sengwe se se tlaa tlhabololang motse e bile se rotloetse pabalesego ka nako ya dipula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 May 2025







