Mohumagadi Linchwe o tlhokafetse
02 Apr 2025
Mohumagadi wa mothusa kgosi ya Bakgatla Kgosi Bana Sekai, e leng Mme Rebecca Linchwe o tlhokafetse maabane morago ga go lwala ka lobaka.
Mme Linchwe, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mma Disang, o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a marataro le borobabobedi (68).
Mmueledi wa ba lelwapa, Kgosi Mpho Pone a re Mme Linchwe o tla bolokwa ka Matlhatso mo Mochudi. A re merapelo e tlaa tshwarelwa kwa kgotleng ya Phuting, gaufi le kgotla kgolo ya Mochudi.
MmaDisang o tlogela monna, e leng Kgosi Sekai, le bana ba le babedi, ngwetsi le bana ba bana ba le bane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Interview
Date : 02 Apr 2025
Related News
09 Jan 2026
Matlolapata maphutha ditshaba
09 Jan 2026
Mapodise ba ganetsa magatwe a Facebook
28 Dec 2025
Monna o fitlhetswe a tlhokafetse kwa Mmathethe
18 Dec 2025




