Puso e tlaa tsosolosa itsholelo ka methale yotlhe
06 Feb 2025
Mopalamente wa Serowe Bokone ebile e le Mothusa Tona wa tsa Papadi le Kgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Ditimamodimo kwa Serowe fa puso e semeletse go batla letseno ka go ngoka ba beeletsi le go rekisa diteemane botoka.
Rre Mathoothe o buile jalo mo phuthegong ya kgotla a supa fa e rile ba tsaya puso, ba fitlhela itsholelo e le kwa tlase le madi a le mannye mo letloleng la puso. Are ke ka moo ba ikemiseditseng go rudisa itsholelo ka methale yotlhe go e busetsa mo seemong se se nametsang. Are se, se tlaa ba thusa go diragatsa maitlamo a bone.
O boleletse banni fa mafatshe ka bontsi a tswela pelo la Botswana mabapi le ka fa le tsamaisitseng ditlhopho ka teng ebile bo tautona ba diphathi ba ne ba amogana ka boineelo go sena dingongora dipe.
Rre Mathoothe o boletse gape fa puso e tlaa latedisa fa madi a sa dirisiwang sentle teng, mme ba dire gore a boele Batswana ka fa tsamaisong. O tlhalositse fa ba dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng mo makalaneng mangwe a bangwe ba neng ba belaela fa gone go sa dirwe dilo sentle teng.
A re puso e ikaelela go tsenya ka fa molaong go lengwa ga setlhare sa Hemp, a bolela fa se, se ka tsenya letseno. O tlhalositse fa go tlaa bulwa madirelo a matona a a sireleditsweng kwa go tlaa bong go lemiwa teng. A re Hemp e itsege thata kwa mafatsheng a mangwe ka go dira melemo le matsela.
Rre Mathoothe o ba boleletse fa ba itemogetse gore go na le dikhampani dingwe tsa batswakwa tsedi mo lefatsheng leno, tse di sa dueleng lekgetho sentle. Le tsone, are puso e tlaa di baya leitho.
E ne e rile go le pele, Kgosi Botswelelo Mogapi wa Ditimamodimo a bolela fa ditsela tse di mo kgotleng ya gagwe di sentswe thata ke dipula tsa bosheng a kopa gore khansele e ba tswe mokgosi.
Kgosi Mogapi o boletse fa ditlhabololo mo kgotleng di saletse morago thata go na le dikgotla tse dingwe mo Serowe.
Modulasetilo wa komiti tsa ditlhabololo tsa motse, Rre Onkemetse Mashiakgomo o supile fa dikole tse di potlana tsa Newtown le Mmualefhe di se mo seemong se se itumedisang. Rre Mashiakgomo o boletse fa matlwana a borutelo a tlhaela baithuti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 06 Feb 2025