Breaking News

Batswana ba gakololwa go sa ikokeletsa ditsha

06 Feb 2025

 Bangwe Batswana ba ba abetsweng ditsha ke lephata la kabo ditsha ba na le go di ikokeletsa e se ka fa molaong.

Banni ba kgotla ya Ditimamodimo kwa Serowe ba ngongoregile ka se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe bosheng. Ba boletse fa bangwe ba ikokeleditse ditsha tsa bonno le masimo go utlwala ba sa ikopanya le lephata la kabo ditsha.

Monni wa kgotla eo, Rre Batsweleng Batsweleng a re bangwe ba dira ka kitso go kgoreletsa ba bangwe mme a kopa ba kabo ditsha go tsenya seemo se leitlho.

Rre Kitso Matheatau ene o boletse fa bangwe ba thibile ditsela tse di fetang fa gare ga metse le tse di yang kwa masimong.

Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha le le botlana la Serowe, Rre Sefane Phuthego o ba gakolotse go sala tsamaiso morago fa ba batla go okelediwa lefatshe.

A re go ikokeletsa setsha ntle le tetla ke molato e bile motho o ka atlholwa madi a a kanang ka P20 000 kgotsa dingwaga tse pedi mo kgolegelong kana a amogiwa setsha ka a se iphile e se ka fa molaong.

Rre Phuthego o tlhalositse fa e le badisa ba lefatshe, bone le setshaba mme setshaba se bege fa ba bona go sa tsamae sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 06 Feb 2025