Mme Boko o abela baithuti
06 Feb 2025
Go nna le tsotlhe tse ngwana wa sekole a di tlhokang go ka thusa thata go rotloetsa maduo a mantle a thuto.
Se se builwe ke Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Kaone Boko kwa Moshupa maabane fa a ne a abela baithuti ba Moshupa Senior Secondary School dimpho tse di farologanyeng, di akaretsa mesangwana ya setswalo le materase.
Mme Boko o tlhalositse fa seemo sa itsholelo sa malwapa mangwe se digela kwa tlase seriti sa bana ba basetsana ba malwapa ao ka ntlha ya letlhoko la dilo tsa botlhokwa di akaretsa mesangwana ya setswalo. A re go abela baithuti ba basetsanyana ba sekole se se golwane kwa Moshupa mesangwana eo ke go thusa go busetsa seriti sa ba ba ntseng ba tshelela mo letlhokong la yone.
A re go botlhokwa gore ba nne sentle ka phuthologo ka nako ya bone ya fa ba le mo setswalong e bile gape go sa ba kgoreletse go tsenelela dithuto ka tshosologo.
Go sale foo, Mme Boko o boletse fa mpho ya materase e tlaa thusa go tokafatsa seemo kwa matlong a borobalo a baithuti ba ba nnang mo sekoleng, a supa fa go le botlhokwa gore ba nne fa go siameng gore ba kgone go ithuta sentle.
Fa a bua ka maduo a sekole seo a mophato wa botlhano, o ne a phophotha legetla baeteledipele le baithuti ba Moshupa go dira bontle ka go tlhatlologana ga dingwaga tse di sa tswang go feta.
A re go tlhagelela ga bone mo dikoleng tse di lesome tse di dirileng sentle mo dingwageng tsa bosheng ke sesupo sa maikaelelo a bone a a tsepameng a go betla bokamoso jo bontle, selo se a reng se tshwanetse sa kgothatsa mophato wa monongwaga go itoma molomo wa tlase gore le bone ba fenye ditlhatlhobo ka dipalo tse di kwa godimo.
O iteetse legofi barutabana ba sekole seo ka boineelo jwa bone mo tirong, a bolela fa ka nako tsotlhe ba itsolopanya mo tirong go ruta ba bo ba tshegetsa boikarabelo jwa botsadi mo baithuting.
Mogolwane wa tsa thuto wa kgaolo ya Kanye, Mme Barulaganye Moseki o ne a leboga Mohumagadi wa ga Tautona go tsaya ka tlhwaafalo dikgang tse di amang bana, a re thotloetso ya gagwe mo go tsa thuto e botlhokwa ka e tlaa rotloetsa baithuti go tshwara ka natla mo thutong ya bone.
A re mowa wa go aba wa ga Mme Boko o tlaa fetola ka fa baithuti ka bontsi ba lebang dilo ka teng, a re dimpho di tlaa tiisa baithuti moko mo maikemisetsong a bone a go tsoga ba goga lefatshe leno. Mme Moseki o ne a gwetlha ba-na-le seabe ba ba farologaneng go tshwaraganela thuto ya bana, a re seabe sa bone se ka thusa go aga tikologo le maemo a a siametseng go betlela baithuti isago e ntle.
Mogokgo wa Moshupa Senior Secondary School, Rre Herbert Setume o ne a tlhalosa fa sekole se tsweletse ka go itsetsepela mo maikemisetsong a sone a go dira sentle mo dithutong le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa. A re go bo dikago tsa sekolo di onetse ebile di sa tlhole di kgona go tshegetsa palo e e golang ngwaga le ngwaga ya baithuti, ke sengwe sa tse di kgoreletsang go tsamaisiwa sentle ga thualaganyo ya thuto.
O tlhalositse ka tlhaelo ya tse di tlhokegang go tsamaisa lenaneo le lesha la thuto la Outcome-Based Edication (OBE) le le itebagantseng le go rotloetsa kgolo ya seabe sa moithuti mo thutong ya gagwe. Rre Setume a re ba itemogela tlhaelo ya didirisiwa tse di tlhokwang mo go ruteng bana ba ba sa kgoneng go amogela thuto jaaka ba bangwe.
O supile gape fa go ima ga baithuti e santse e le kgwetlho, a re mo setlheng seno sa ngwaga, sekolo se setse se latlhegetswe ke baithuti ba le bane ka ntlha ya boimana.
Mopalamente wa kgaolo ya Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare o lebogetse Mohumagadi wa ga Tautona go supa lorato mo baithuting are se, se tla ba thusa go lebagana le dithuto tsa bone. Fa a bua le baithuti, Rre Gare o ne a ba lemotsha botlhokwa jwa go sa itebatsa boikarabelo jo bo solofelwang mo go bone. O ba rotloeditse go nna le seabe mo go ikageleng isago e e eletsegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : Moshupa
Event : Phuthego
Date : 06 Feb 2025