Breaking News

Ditlhabololo di tlaa tokafatsa botshelo kwa Dimajwe

05 Feb 2025

 Kgosi  Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe a re o lebogela ditirelo tse di dirwang mo motseng wa gagwe.

O buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bophirima Rre Onalepelo Kedikilwe. Kgosi Kebonemang a re ba lebogela gore erile ngwaga oo fetileng  ka kgwedi ya Sedimonthole, koporase ya metsi ya simolola go aga fa go tlhatswetswang metsi teng.

O  supile fa koporase ya motlakase le yone e ne ya simolola kgokelo ya motlakase, mme bontsi jwa kgona go thusiwa. Are se, se tlaa ba thusa go inaakanya le ditlhabololo go fetola matshelo a bone. Ntswa le fa go le jalo, o ne a ngongoregela seemo sa tsela e a reng ga e a siama e bile e kgoreletsa maphata go isa ditlamelo kwa motseng wa bone.

Mongwe wa ba tsena phuthego, Rre Tebogo John o ne a kopa mopalamente go thusa ka lefelo le banana ba ka ithutelang teng go dirisa maranyane. A re ba fetwa ke mananeo ka go ikopela ditirelo le go batla tiro go dirisiwa maranyane. Rre John a re go dira jalo go ka fokotsa botlhoka tsebe mo motseng wa bone.

Mme Gabalesiwe Gaabolelwe ene o ne a itebagantse le tsa thuto are go botlhokwa gore puso e tlhabolole thuto go lepalepana le ditlhabololo tsa segompieno. Are go oketswa ga barutabana go ka thusa go fetola seemo sa thuto mo lefatsheng.

E rile a ba kgwa kgaba, Rre Kedikilwe a supa fa a tlaa isa dikgang tsa bone kwa go ba ba maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Dimajwe

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 05 Feb 2025