Motsamai o kopa kemo nokeng ya morafe
05 Feb 2025
Mopalamente wa kgaolo ya Charleshill o kopile banni ba Ncojane go tshwaragana le ene go tlhabolola kgaolo.
Rre Motsamai Motsamai o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng, a supa fa ditlhabololo di tlhoka go tshwaraganelwa ke ba-na-le seabe ka kakaretso. A re ba kgaphele kwa thoko dipharologano tsa bone tsa sepolotiki, ba itebaganye le dikgang tsa go fetola matshelo a batho go nna a a itumedisang.
O kaile fa puso e ikemiseditse go fetola matshelo a setshaba go nna a a itumedisang, mme a gwetlha mongwe le mongwe go nna le seabe mo go diragetseng maitlamo a puso e ntsha.
Rre Motsamai, yo gape e leng mothusa tona wa Lephata la Metsi le Bonno, o tlhalositse fa a tshwaragane le makhanselara ka botlhe ba filwe boikarabelo jwa go tsamaisa mananeo a puso, go netefatsa gore matshelo a batho mo magaeng a a tokafadiwa. A re baeteledipele ba filwe boikarabelo jwa go aga setshaba, mme ba dira jalo ka lorato le tlotlo.
Fa a itebaganya le maitlamo a lephata le a le eteletseng pele, a re le itebagantse le go netefatsa gore le siela setshaba metsi a a phepa ebile ka selekanyo se se tlhokafalang mme a supa fa koporase ya metsi e lebanwe ke kgwetlho ya go ntsha ditirelo tsa metsi ka fa ba eletsang ka teng.
A re se ke ka ntlha ya gore metse e godile, mafaratlhatlha a metsi a setse a fetile lobaka lwa tiriso mme seo, se ame phatlalatso ya metsi ka fa go tshwanetseng go diragala ka teng. Rre Motsamai a re puso e lebanwe gape ke kgwetlho ya letlhoko la madi mme a gwetlha banni go duela ditirelo tsa metsi go thusa koporase go tokafatsa ditirelo.
A re puso e itebagantse le dikgang tsa bonno, go netefatsa gore setshaba se nna le bonno jo bo siameng mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno. O tlhalositse fa koporase ya matlo e leka ka bojotlhe go phatlalatsa matlo go ralala lefatshe le mororo go ise go lekane ka jaana badirealpuso mo dikgaolong ba santse ba lebanwe ke letlhoko la boroko.
Rre Motsamai o ne a tlhalosetsa morafe fa koporase eo, e le mo ditshekatshekong tsa go fetola ditsamaiso tsa lenaneo la Self Help Housing Agency gore moikopedi o ka itlhophela ntlo e a eletsang go e agelwa fela fa kago ya teng e sa fete seelo se se beilweng sa P90 000.
A re lephata le le maleba le santse le le mo ditshekatshekong go bona gore ba ka tokafatsa jang go tlhofofatsa methale ya theko gore e seka ya baya batho ka fa mosing.
Kgosi Orateng Mothibi o kgothaditse banni go ithuta ditsamaiso tsa puso e ntsha gore ba kgone go fetola matshelo a bone, ba itebagantse le maitlamo a puso.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Segomotso Baumake e ne o lebogetse matlo a koporase ya matlo e a agileng mo motseng, mme a kopa gore fa madi a letla, ba leke go ba okeletsa ka badirelapuso ba santse ba tlhaelelwa. A re tlhaelo e, e ba baya ka fa mosing ka bodiredi bongwe bo felela bo sa goroge kwa kgaolong mme se se felele se ama go isa ditirelo kwa bathong.
Modulasetilo wa khansele ya Charleshill, Rre Baduetse Setswalo o gateletse mowa wa tshwaragano a bo a kgothatsa banni go ipelega segolo bogolo ka nako eno fa puso e santse e farafarilwe ke letlhoko la madi. O rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe le dikhamphani go thusa ka dibuka le tse dingwe fa go santse go emetswe dithuso go tswa kwa maphateng a a maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ncojane
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 05 Feb 2025