Breaking News

Tona o tlhalosa maitlamo a puso

05 Feb 2025

Puso e na le maitlamo a go aga itsholelo ya Botswana sesha.

Lengwe la maitlamo ke go tlhabolola lenaneo la Ipelegeng gore le tle le solegele Batswana molemo. Tona wa Lephata la tsa Selegae le Merero ya tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla kwa Tshokwe le Robelela bosheng.

O ne a tlhalosa fa go tlhabolola lenaneo la Ipelegeng go tsile go lekalekanya dikatso, tiro le dikitso tse ba tlaa bong ba di tlhatlheletswe ka lone lenaneo le. O supile fa go dira jalo go tsile go tlhabolola dikitso le matshelo a ba-tsaya karolo, e bile go ya go thusa thata gore ba bo ba ka dirisa dikitso tseo go batla mebereko.

Rre Motshegwa o ne a tlhalosa fa kago ya leobo kwa Tshokwe e le nngwe ya dikai tse di tshelang tsa gore lenaneo la Ipelegeng le ka dira ditlhabololo mo motseng. O ne a tlhalosa fa puso e tswa kgakala e dirisa madi a mantsi go thapa dikhamphani go dira ditiro mme phelelong di bo di palelwa ke go fetsa ditiro, a kaya fa tiriso ya Ipelegeng e ya go thusa go somarela letlole la puso.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa maitlamo a puso e le go tlotla le go tlhabolola matshelo a Batswana. A re Batswana ba tshwanetse go bona ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone ka go lekalekana.

E rile a ama tsa thuto, Rre Motshegwa a tlhalosa fa puso e tlaa tlhabolola seemo sa dikole tse dipotlana lefatshe ka bophara gore di nne mo seemong se se siametseng thuto. O tlhalositse fa puso e ne ya dira phoso ka go tswelela e aga dikago tse disha e lebetse ka tse dikgologolo tse di neng di tlhoka go baakanngwa go busediwa mo seemomg, ke ka moo di feletseng di nna matlotla.

O ne a tlhalosa fa dikole tsa Tshokwe le Robelela di le mo seemong se se ngomolang pelo mo bana ba setseng ba rutelwa kwa ntle. Rre Motshegwa a re se se tshwenyang thata ke gore kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya tse di amilweng thata ke bommamanthwane, segolo jang kwa matlwaneng a borutelo le a bodiredi, mme a kgothatsa khansele go dira ka natla go tokafatsa seemo.

A re se se nonang pelo ke gore goromente o mo morerong le dikhansele gore di kgone go ikemela ka nosi go itirela madi, a tlhalosa fa se se tsile go thusa thata gore di kgone go tsibogela diemo ka nako. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore bana ba rutelwe mo mafelong a a siametseng botsogo gore maduo a bonale.

Rre Motshegwa o ne a tsibogela selelo sa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Damochujenaa, Mme Oageletse Oabile yo o neng a tlhalosa fa sekole se sebotlana sa Sedibeng se supa maiteko mo go tsa thuto mme sekgoreletsi e le letlhoko la matlo a borutelo.

Mme Oabile o ne a tlhalosa fa ngwaga wa 2023 sekole seo se ne sa kgona letshwao la 58% fa mo go 2024 se dirile 68%, a supa fa se e le maiteko a a tlhokang go engwa nokeng ka tsotlhe tse di tlhokafalang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Robelela

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 05 Feb 2025