Ba Smart Switch ba abela baithuti
19 Jan 2025
Ba khamphani ya Smart Switch ba abetse bana ba sekole se sebotlana sa Mantshwabisi ba ba nnang mo sekoleng dibeke, ditlhako le dikausu tse di lopileng P130 000.
E rile a amogela baeng kwa tirong eo bosheng, Mogokgo Nelly Tautona a tlhalosa fa sekole sa Mantshwabisi se na le bana ba le 465, mme ba le 283 ba nna mo sekoleng fa ba le 182 ba nna mo motseng.
Mogokgo o tlhalositse fa go na le batlhokomedi ba bana ba le bararo, ba ba thusang ba le lesome le bobedi, barutabana ba le masome mabedi le motso le badiri ba bangwe ba le bane.
Mme Tautona o ne a tlhalosa fa bana ba ba nnang kwa sekoleng seo ba tswa kwa mafelong a a farologanyeng a a kgakala le ditlamelo jaaka masimo le meraka le metse e mengwe jaaka Magakabe, Mosime, Maseru, Kgare, Ditshegwane, Takatokwane le Dikabaneng.
O tlhalositse fa bana ba tswa kwa ba nnang teng ba santse ba le bannye go tla go simolola mophato wa ntlha, mme fa ba fitlha kwa sekoleng ba gakgamadiwa ke fa ba nnang teng, a supa fa bana ba ba tshwarisa bothata mo kgweding ya ntlha ba batla go boela kwa magaeng.
Mogokgo o supile gape fa bana ba tlhoafalela batsadi ka e le sa ntlha ba kgaogana le bone, a bo a tlhalosa fa ba thusa bana go tlhaloganya seemo se ba leng mo go sone.
O supile gape fa bana ba ba nnang mo dikoleng ba na le kgwetlho ya go tlhoka diaparo le ditlhako, a bo a leboga Modimo ka batlhokomedi ba bana bao ka ba dira tiro ya bone ka botlalo.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng, Mme Delic Sehunwe, o ne a leboga Smart Switch le khansele ya Letlhakeng ka tiro e ntle e ba e dirileng.
Mme Sehunwe o tlhalositse fa khansele ya Letlhakeng e ne ya simolola go ikemela ka ngwaga wa 2022 ka Ngwanatsele. O supile gape fa khansele e na le boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba ba nnang kwa sekoleng sa Mantshwabisi ka go ba rekela paka ya sekole.
O tlhalositse fa ba sa le ba nna le botsalano le ba Smart Switch ka 2008, a tlhalosa fa puso ka esi e ka seke e kgone go thusa Batswana botlhe jaanong go tlhoka gore dikgwebo di thuse.
Mothusa mokwaledi o ne a leboga ba Smart Switch go itumedisa bana le go thusa khansele go rekela bana paka ya sekole.
A re go lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang mme a ba kopa ba Smart Switch go itlhophela go tlhokomela bana ba ba nnang mo sekoleng seo.
Mogolwane go tswa kwa Smart Switch Rre France Mabiletsa o supile fa ba dira dipoelo mme ba thuse dikole ka bontlha bongwe jwa tsone, a bo a supa fa e le ngwaga wa bone ba thusa dikhansele tse di farologanyeng.
O tlhalositse fa ba simolotse ka go thusa sekole sa Thankane kwa kgaolong ya Mabutsane ka paka ya sekole, ba tswelela ba aba dikobo le dibeke kwa Shoshong kwa kgaolong ya Mahalapye, fa ngogola ba ne ba le kwa Okavango ba aba dikobo le dibeke.
Rre Mabiletsa o ne a kopa bana go itebaganya thata le thuto a re ke baeteledipele ba kamoso, a bo a supa fa go tlaa tswa makhanselara, mapalamente, dikgosi le dikgosana, bagwebi le badirelapuso mo go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MANTSHWABISI
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Jan 2025