Furniture o rotloetsa tirisanyo mmogo
16 Jan 2025
Mopalamente wa kgaolo ya Tati Botlhaba, Rre Tlhabologo Furniture o rotloeditse tirisanyo mmogo magareng ga gagwe le banni ba kgaolo mmogo le ba-na-le-seabe ba bangwe mo kgaolong.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Siviya ka Labobedi, Rre Furniture o ne a supa fa go bereka ba le seopo sengwe e le yone konokono mo go lereng ditlhabololo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho mo kgaolong.
O boletse fa diphuthego tseo tsa ntlha mo kgaolong ya gagwe, e le tsa go ipega le go dumedisa banni ba Tati Botlhaba morago ga ditlhophong tsa setshaba tsa 2024.
O ba kopile gore ba mo tataise ka a santse a le magorogo masha mo tirong eo ya bopalamente, a re go dira jalo go ka mo thusa gore a diragatse thomo ya gagwe ka bonokopila le ka fa go solofetsweng ka teng.
Mopalamente Furniture o bile a solofetsa fa a tlaa diragatsa boikarabelo jwa gagwe ka botswapelo, a tlatsa ka go supa fa a ikemiseditse go bereka a tshwaragane le makhanselara a kgaolo ya gagwe.
Go sale foo, mopalamente o ne a lekodisa banni ka tsa palamente e ba neng ba e tsena morago fela ba sena go tlhophiwa, a tlhalosa le ka ditshutiso le melawana mengwe e e neng ya fetisiwa mo palamenteng eo.
Banni ba ne ba seka ba ipona tsapa go lekodisa mopalamente Furniture ka matshwenyego a ba nang le one mo motseng, mme mangwe a one ya bo e le tiego ya go busetsa barui bangwe dikgomo tse ba neng ba di amogwa morago ga go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo mo tikologong ya bone.
Banni ba ne gape ba lela ka dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi le go sa phatlaladiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa motse, ba bo ba supa bete se molangwana ka tiego ya go abiwa ga ditsha mo motseng wa bone, ba supa fa go sale go bewa la bofelo ka ngwaga wa 2013.
E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Louis Siviya a supa fa go kgautlhana ga terata ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe go ba fa poifo ya gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo ka nna jwa ipoeletsa mo tikologong ya bone.
Kgosi o ne a bo a kopa gore go tlhongwe kgoro ya molelwane go lebagana le motse wa bone, go itsa gore e re batho ba tlole e se ka fa molaong ka ntlha ya bokgakala jwa kgoro e e teng ya molelwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Siviya
Event : phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2025