Mopalamente o kgala kgethololo
16 Jan 2025
Mopalamente wa Nata/Gweta, Rre Lawrence Ookeditse, o gakolotse banni ba kgaolo ya gagwe go tlogela mokgwa wa kilo, letlhoo le kgethololo.
Rre Ookeditse o ntshitse kgakololo eo kwa diphuthego tsa kgotla kwa Sepako le Manxotai ka Labobedi.
A re mo kgaolong eo go dikgang tsa kgethololo ya letso le mmala, bangwe ba tsaya gore ba batona mo go ba bangwe. O ba sedimoseditse fa puso e eteletsa pele ditshwanelo tsa setho.
A gatelela ka gore motho mongwe le mongwe o bopilwe mo setshwanong sa Modimo ga gona ope yo o fetang ope, ka jalo batho ba tshwanetse go tshwarwa ka go lekalekana.
O gwetlhile boeteledipele jwa motse, badirelapuso ba kgaolo eo go thusa batho ka go lekalekana ba sa tseye letlhakore.
A bolela fa ope yo o tla lemogiwang a rotoetsa mokgwa wa kgethololo, o tla amogiwa maemo kana a kobiwe mo tirong.
Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha banni go tsosolosa mowa wa boipelego, go itirela ditlamelo dingwe tsa itshetso.
Rre Ookeditse a re ga baa tshwanela go baya fela mo pusong go neelwa ditlamelo,ba tshwanetse go tla ka metlhale mengwe ya itshetso, ka go agelela masimo a bone ba le setlhopha (cluster fencing), gore ba kgone go ntsha dijo.
A re ebile fa ba ageletse masimo a bone ba le setlhopha puso e ka ba thusa go ba tsenyetsa terata ya motlakase go koba ditlou.
O tsweletse a bolela fa mo dikgweding tse di masome mabedi le bongwe tse di tlang, metse mengwe e e mo kgaolong eo,e akaretsa Sepako, Manxotai le e mengwe e tla bo e nwa metsi a a tswang ditankeng tse di kwa Dukwi.
O supile fa thulaganyo eo ya go phatlalatsa metsi ka metse eo e setse e simologile go arabela selelo sa kgaolo sa tlhaelo ya metsi.
Rre Ookeditse yo gape e leng mothusa tona wa botsogo, o ne a rotloetsa banni go bedisa metsi a megobe pele ga ba a nwa.
A re lephata le dikile le tshwaragane le kgwetlho ya tlhagogo ya bolwetsi jwa letlhatso le letshololo jo bo gapileng bana.
Kwa Sepako, Kgosi Joseph Ramaditse o kopile puso go potlakela go aga borogo mo nokeng ee kgabaganyang motse.
O tlhalositse fa noka eo e kgaogantse motse ka bogare,mme ditlamelo tsotlhe di tshwana le kokelwana, kgotla le sekole se sebotlana di le kwa bophirima jwa motse.
A re metsi a noka eo a tsaya nako a tletse ka jalo batho ba ba kwa botlhaba jwa motse oo,ga ba kgone go ya ditirong,go bona ba botsogo le baithuti ga ba kgone go ya sekoleng.
Ngwaga le ngwaga batho ba Sepako ba itemogela metsi a a tshelegelang mo nokeng eo ka kgwedi ya Tlhakole, mme a tseye dikgwedi tse tharo batho ba motse oo ba thusiwa go kgabaganya noka ka mokoro.
Mo pegong ya gagwe, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Manxotai, Rre Bob Zibane, o boletse fa tlhaelo ya metsi a a nowang e ba jesetsa mo kgobedung.
Rre Zibane o kopile gore ba okelediwe palo ya babereki ba lenaneo la ipelegeng. A bolela fa ba ikaegile ka ipelegeng ka ke yone fela tiro e leng teng mo motseng.
Rre Ookeditse o boletse fa puso e santse e sekaseka lenaneo la ipelegeng go le tlhabolola gore le nne le ditiro tse di bonalang e seng jaaka go diragala gompieno.
O solofeditse batho ba metse eo gore e tlaa re morago ga bokopano jwa palamente e e tlang ya kabo-madi a setshaba,o tlaa tla ka dikarabo tse ditlhomaming mabapi le mangwe a matshwenyego a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Manxotai
Event : phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2025