Kgosi Khama o lekola ba ba amilweng ke morwalela
16 Jan 2025
E re ka dipula di tsweletse ka go na ka bokete lefatshe ka bophara e bile di baka tshenyo mo mafelong mangwe, Kgosi Khama IV wa Bangwato yo gape e leng Tautona wa pele o ne a etela Palapye go lekola ba ba amilweng ke merwalela le tshenyo e e dirilweng ke merwalela.
Fa a lekodisa Kgosi Khama IV ka seemo sa dipula mo kgaolong ya Palapye, Motshwarelela molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Tsholofelo Molobe o tlhalositse fa kgaolo ya Palapye e ne ya itemogela merwalela go simolola ka kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro ngwaga o o fetileng morago ga gore noka ya Lotsane e e ralalang motse e tlale petelela.
O tlhalositse fa metsi a a tswang mo nokeng eo a ne a ama dikgaolwana di le mmalwa mo Palapye di akaretsa ya Khurumela, Thomadithotse, Morupule le Makabi. Rre Molobe a re ba tsweletse ka go thusa ba ba amilweng ke merwalela eo.
A re ba ne ba thusa ba malwapa a le lesome le botlhano ba kgaolwana ya Lotsane ka go ba fudusetsa kwa mafelong a a babalesegileng le ka dithuso tsa dijo ka tsa bone di ne di kolobeditswe ke metsi.
Rre Molobe a re kwa ntle ga Palapye ba ne ba thusa malwapa a le matlhano ka dijo kwa Mokgware, malwapa a le mabedi kwa Mogapinyana a ne a fiwa ditante le dijo fa kwa Diloro lelwapa le le lengwe le ne la thusiwa ka dijo.
O ne a supa fa ba ne ba nna le seemo kwa masimo a Segakwana kwa ba neng ba thusa batho ba le 65 mme ya re morago ba thusa batho ba le 49 go ba ntsha kwa masimo kwa ba neng ba tlhasetswe ke morwalela. Batho bao go ya ka Rre Molobe ba ne ba fudusetswa mo Palapye.
A re batho ba bangwe ba feta masome a ferabobedi ba ne ba ntshiwa mo diphatseng tsa morwalela mo kgaolong eo ka thuso ya sefofane sa ba sepodisi le mokoro wa ba ofisi ya ba Dibetso tsa Tlholego.
Le fa go ntse jalo makhanselara a dikgaolwana tse di amegileng a ne a supa fa bothata jo ba bo boneng e le jwa motsamao wa metsi mo Palapye.
Ba supile fa bontsi jwa malwapa a amegile ntateng ya gore metsi a tsena mo matlong. Ba re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya mabitla a a neng a babalelwa ke metsi mme a felela a wela.
Le fa go ntse jalo modulasetilo wa khansele ya Palapye Rre Kabo Ketshogile o ne a supa fa go lemotshegile gore bangwe ba malwapa a a neng a sutisiwa fa thoko ga noka ntateng ya morwalela ba ne ba fudusiwa ka morwalela wa 1995 mme ba atswiwa ka madi mangwe ba bo ba fiwa ditsha mme ba boela gape kwa ba neng ba fudusitswe teng.
Fa a akgela mo dikgannyeng tsa bone, Kgosi Khama IV o ne a gakolola makhanselara gore ba seka ba lebala ditlhabololo tse di botlhokwa mo bokopanong jwa bone fa ba kopa ditlhabololo.
A re ditlhabololo di tshwana le kgopo ya metsi mo motseng, marogo le ditsela ke nngwe ya tse ba ka di kopang ka ba lemogile fa ba ne ba nna le seemo ka nako ya dipula.
A re ditlhabololo tseo di ka ba thusa mo dinakong tse di tlang mme tse dingwe di tla a tlhokana le gore go tsenngwe dikopo mo go boradikgwebo gore ba thuse.
O ne gape a ba gakolola go sekaseka gore a ba ka seke ba batle lefelo le lengwe la mabitla mme ba tswala le le ntseng le le teng ka ba supile fa metsi a tshwenya mo lefelong la mabitla a nako eno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Tekodiso
Date : 16 Jan 2025