Go ikgapha go ka thusa ntwa kgatlhanong le HIV

04 Dec 2024

Go ikgapha mo go tsotlhe tse di ka bayang motho mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV go botlhokwa mo maitekong a go thusa lefatshe go fenya tsogologo ya kanamo ya mogare.

Fa a bua kwa Tsabong bosheng, molomaganya-ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS, Mme Tshepiso Thupe o tlhalositse fa setlhogo sa monongwaga sa segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la bolwetse jwa HIV/ AIDS se se reng: Tsaya Tsela e e Siameng go Fedisa Bolwetse jwa AIDS, se gwetlha mongwe le mongwe go nna le seabe mo go lwantsheng HIV le AIDS.

Mme Thupe o boletse fa setlhogo se rotloetsa boikgapho mo bathong, a gatelela fa banana ba tshwanetse go ikgapha ka jaana dipatlisiso di supa fa batho ba dingwaga tse di lesome le botlhano (15) go ya kwa go tse di masome a mabedi (20)  e le bone ba ba amilweng thata ke mogare.

Go sale foo, o ne a tlhalosa fa ntwa kgatlhanong le HIV le AIDS e ama ditshwanelo tsa setho. Ka jalo are  batho ba tshwanetse go akola ditirelo tsa botsogo ntle le kgethololo, a supa fa go tshwanetse ga tlhongwa melao le mananeo tse di itsang kgethololo ya ope fela.

A re ntlha e ya ditshwanelo tsa setho e raya gore batho ba ba gwebang ka mmele, ba ba ratanang ka bong, badirisi ba ditagi le ba bangwe ba ditlhopha tse di rileng ba tshwanetse ba akola ditirelo tsa botsogo ka tshosologo.

Mme Thupe o ne a supa fa batho ba le 3 861 ba le mo lenaneong la dipilisi tse di ritibatsang mogare kwa kgaolong ya Tsabong mme mo palong eo, bomme ba le 2 575 fa borre ba le 1 286.

O ne a tlatsa ka go supa fa dikgang tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le boimana mo basetsanyaneng ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 18 di tshwenya, mme a tlhalosa fa ba tsweletse ka go tsibosa setshaba ka diemo tseo.

Morutabana kwa Tsabong Unified Secondary School, Rre Desmond Theri ene o ne a kgothatsa baithuti go ikgapha kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV le go sa ikamanya le mekgwa e e sa amogelesegeng e akaretsa tiriso ya ditagi.

O ba tsibositse gape kgatlhanong le go inaakanya le dikgang tsa marato le botlhokatsebe, mme a ba gwetlha go itebaganya le dithuto tsa bone go ipetlela isago e ntle.

Mme Nellie Maruru go tswa setlhopheng sa botsogo sa District Health Management Team (DHMT) o ne a tlhalosetsa baithuti fa lephata la botsogo le tseela kwa godimo dikgang tse di amang banana. Are ke sone se erileng, bosheng ba simolodisa ditirelo tsa banana kwa lefelong le le faphegileng kwa Tsabong le go thusediwang bone fela kwa go lone.

O boletse fa go dira jalo go thusa banana go phuthologa ka tse di ba tshwenyang mabapi le tsa botsogo le gone go itekodisa ba bongaka ba sa kgorelediwe ke sepe.

Mme Maruru a re lefelo leo le ntsha ditirelo tsa itlhatlhobo le itshireletso kgatlhanong le go tsenwa ke mogare, thibelo boimana, katologanyo tsholo magareng ga tse dingwe.

O supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa go ima ga banana ba dingwaga tse 15 go ya kwa go tse 19, a re seo gantsi se ama banana ba ba sa tseneng sekolo.

A re se, se supa fa ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa mme ka jalo go nale kgonagalo ya gore ba tsenwe ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.

Molaodi wa kgaolo ya Tsabong Rre Levis Thupa o ne a kgala batsadi bangwe ka tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, a supa fa bosheng go simolodisitswe letsholo la Tlogela Makgela a Butswe, seo e le maiteko a go rotloetsa tshireletsego ya bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Tsatsi la segopotso sa AIDS

Date : 04 Dec 2024