Breaking News

Khansele e lwantsha kgokgontsho

04 Dec 2024

Khansele ya Tsabong e tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa dikgang tsa basetsanyana ba ba kgokgontshiwang ke borre ka tlhakanelo dikobo. 

Go itebaganya le se, khansele e ne ya tsaya tshwetso ya go simolodisa letsholo la Tlogela Makgela a Butswe, e le tsela nngwe ya go tsibosa le go gasa molaetsa go emisa seemo seo se se sa jeseng diwelang.

Ka jalo, khansele e ne ya re bosheng, ya kgobokanya ditlhopha tsa kgwele ya dinao di le thataro go tswa mo motseng wa Tsabong, go tsibosa ka seemo sa kgokgontsho.

Mokwaledi wa khansele ya Tsabong, Rre Mosimenegape Mogorosi o ne a gakolola borre go tsaya boikarabelo ka go sireletsa basetsanyana kgatlhanong le go dirisiwa botlhaswa.

Rre Mogorosi o ne a gwetlha borre go itshekatsheka ka go fetola boitshwaro jwa bone. 

A re ba tshwanetse ba nna baboloki le basireletsi ba basetsanyana ka go ba ema nokeng le go  ba dibela mo go tsotlhe tse di bosula.

O tlhalositse fa mo kgweding ya Phalane, ba gatisitse dikgang tsa tlhakanelo dikobo di le 63 mo Tsabong, tse di amang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, fa mo kgaolong yotlhe ya Kgalagadi Borwa di ne di le 167.

Rre Mogorosi o ne a supa borre bangwe ka monwana ba ba okang basetsanyana ka madi gore ba tlhakanele dikobo le bone, a ba tlhagisa ka ditlamorago tsa kgokgontsho tse di leng botlhoko e bile  di tlogela bana ba tshela ka lobadi botshelo botlhe.

O ne a supa gape fa letsholo la segopotso sa kgokgontsho ya bomme le basetsanyana la malatsi a a lesome le borataro le tsweletse, ka jalo seo e tshwanetse ya nna thuto mo go borre go ikaga sesha.

Mogolwane wa boipelego, Mme Masego Kgomotso o ne a supa fa ba sa le ba simolodisitse letsholo la Tlogela Makgela a Butswe kgwedi ya Phalane mme ba tlaa tswelela go fitlha ka Mopitlo ngwaga oo tlang.  

Mme Kgomotso o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong eno ba setse ba kopane le boeteledipele kwa motseng wa Tsabong ba akaretsa magosi, baruti, morafe kwa kgotleng, marekisetso a dino le gone go tsena ntlo le ntlwana go rera letsholo la Tlogela Makgela a Butswe.

Mme Kgomotso o ne a rotloetsa botlhe go bala Children's Act 2009 ka e ka ba kaela seabe sa bone mo kgodisong ya bana le ditshwanelo tsa bone.

Mme Bondy Ramojaki go tswa Kgalagadi South DHMT o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa boimana jwa basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi.

Mme Ramojaki o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2022 ba gatisitse dikgang tsa boimana jwa basetsanyana dile 152, fa ka ngwaga wa 2023 ba gatisitse di le 127 mme ka 2024 go tswa Hirikgong go fitlha Phalane di le 96. 

Mongwe wa baeteledipele ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao, Rre Moatlhodi Kgaileng o ne a gakolola bangwe ka ene go itsheka tsheka. 

O boletse fa kgokgontsho e felela e tshedisetsa bana mo poifong ka lebaka la go tlhoka tshepo mo go borre. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 04 Dec 2024