Ofisi e tlhomamisa go baakanya seemo
03 Dec 2024
Ba ofisi ya boipelego kwa Tsabong, ba tlhomamisitse fa ba tlaa seka seka se se ka tswang se kgoreletsa ka fa ba thusang batlhokomedi ba ba-na-le bogole ka maikaelelo a go baakanya ditirelo tsa bone.
Se se builwe ke mogolwane go tswa mo lephateng la boipelego Rre Modise Sekgwake, mo phuthegong ya kgotla kwa Tsabong bosheng, morago ga gore ba-tsena phuthego ba supe fa ba sa itumelele ka fa ofisi ya gagwe e ba thusang ka teng.
Mogolwane wa mokgatlho wa Botswana Council for the Disabled, Rre Moffat Louis o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o ikemetse ka nosi mme o thusiwa ka madi ke The United Nation Democracy Fund.
Rre Louis o ne a supa fa ba ikaegile ka molao o mosha wa Person with Disability Act 2024 o o tseneng mo tirisong ngwaga ono go tsibogela dikgang tse di amang ba-na-le bogole.
O ne a tlhalosa fa molao o mosha, o dibela ba-na-le bogole kgatlhanong le kgokgontsho ya maikutlo, dikiteo, tlhaloganyo, le go kgobotlediwa ka dipuo ka e le go gataka ditshwanelo tsa bone.
O boletse fa mo molaong, ba-na-le bogole ba tshwanetse go nna le tshiamelo ya go akola tsa thuto, botsogo, dipalamo tsa setshaba, tekatekano mo go tsa pereko, tsa metshameko, go direlwa tshiamelo ya go tsena mo di ofising le tse dingwe go sa tlogelwe ope kwa morago.
Rre Louis o ne a supa fa ofisi ya ga molaodi e neetswe boikarabelo jwa go tsibogela dikgang tsotlhe tse di amang ba-na-le-bogole mo dikgaolong mme e bile puso e tsweletse ka go thapa balaodi ba ba tlaa bong ba itebagantse fela le dikgang tsa bone mme ba di bega kwa ofising ya ga Tautona.
Are go tlaa simolodisiwa komiti ya motse ya ba-na-le-bogole kwa Tsabong go thusa go tsibogela dikgang tsa bone mme ba tlaa bo ba di bega kwa ofising kgolo ya Botswana Council for the Disabled kwa Gaborone.
Rre David Rantao wa motlhoka pono e bile a tumile ka go buelela ditshwanelo tsa ba-na-le bogole o tlhalositse fa go nna le bogole ele tlholego ya lebopo le setho. O supile fa dipatlisiso di supa fa batho ba le 100 000 ka ngwaga wa 2011 ba ne ba tshela ka bogole.
Rre Rantao o ne a tlhagisa botlhe ba ba tsweletseng ka go fitlha ba-na-le bogole kwa morago ga matlo fa seo e le go gataka ditshwanelo tsa bone mme e bile e le molato o motho a ka o sekisetswang.
Rre Rantao o ne a tlhalosa fa molao o mosha o tlotlomatsa le go rotloetsa ditshwanelo tsa setho, a re se se ka ba thusa go tsaya karolo mo mananeong le mo ditirong tsa lefatshe, kgaolo, le dikomiti tse di farologanyeng tsa motse.
A re gantsi mo malwapeng mangwe ba-na-le bogole ba rontshiwa ditshwanelo le seriti sa bone ka nako tsa manyalo jaaka gongwe e le malome, mme go batlwe mongwe go thiba phatlha ya gagwe a sa rerisiwa.
Rre Rantao o ne a supa fa ba-na-le bogole ba sa tshwanela go tlhabisa batsadi ba bone ditlhong ka e le tshegofatso fela jaaka ngwana mongwe le mongwe mme a supa fa go le botlhokwa gore le bone ba abelwe ditsha fa dingwaga tsa bone di le lesome le boherabobedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Dec 2024