Mogwaafatshe monwana le lenala mo morafeng wa Basarwa
15 Oct 2024
Mogwaafatshe o kile wa bo o tsewa e se bonno jwa sennelaruri mme se se fetogile ka o bonwa mo metseng jaaka Kaudwane.
Mofuta o wa kago, o ne o tlotlilwe ke Basarwa ka ba ne ba nna ba fuduga ba le mo motlhaleng wa diphologolo, seo se dire gore bonno jwa bone e seka ya nna jwa sennela ruri.
Monni wa Kaudwane, Rre Lesetse Moscow, a re e ne e re fa lefelo le ba nnang mo go lone le gotlhega, ba bo ba fuduga mme gape ka ba ne ba tshela ka digwere, e ne e re fa di fela ba bo ba fudugela kwa ba itseng ba ka di bona teng.
Le fa go ntse jalo, phudugo ya Basarwa go tswa kwa mafelong a diphologolo go ya go thibelela kwa Kaudwane kwa Kweneng Bophirima ga go a dira gore ba tlhanogele megwaafatshe le fa kago ya yone e ne ya fetoga.
Se e le ka go bo ba agile le merafe e mengwe jaaka Bakgalagadi.
Selebego sa mogwaafatshe gompieno se fetogile, ntlo ya teng e nna kgolwane e bile go dirisiwa ditlhare tse di kileng tsa bo di sa tlwaelesega jaaka bolikomo.
Megwaafatshe e e kwa Kaudwane, e bonala fa gare ga dikago tsa segompieno ka gore ke karolo ya botshelo jwa Basarwa.
Rre Moscow a re le fa Basarwa ba agile le Bakgalagadi kwa Kaudwane, se ga se a ba fetola gore bonno jwa bone e nne matlo a sesha fela.
A re mogwaafatshe o agiwa ka botsipa, go lebilwe gore o kgone gore o itsetsepele mo dieemong tse di farologaneng tsa loapi. “Mogwaafatshe ke ntlo ya dipaka tsotlhe, rona Basarwa re ka se ke re kgone go kgaogana le one,” Rre Moscow a tlhalosa.
A re go o aga, go dirisiwa dipalelo tsa setlhare sa mogonono le moretlwa ka gore ga se ditlhare tse di jewang ke motlhwa le makaka motlhofo. Bojang a re go dirisiwa jo bo bidiwang boloto ka bo boleta, bo kgona go konega e bile ga bo robege motlhofo.
Bojang jo fa pula e na metsi a a relela mme a seke a tsene mo ntlong kgotsa a kolobetsa ntlo.
Go aga jaana go direlwa gore fa go le mariga, ntlo e nne bothito ka gore bojang bo a kgotlhagagana go itsa phefo go tsena. Fa go le selemo, marang a letsatsi ga a kgone go tlhagelela mo ntlong.
Mmu wa Kaudwane ka o le leupa, pula fa e na, metsi a felela mo mmung, ga a ele a o senya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : KAUDWANE
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2024