Ba Goora Moreki ke babopi ba dinkgwana
15 Oct 2024
Dingwetsi tsa Goora Moreki kwa Motokwe mo kgotleng ya Tshukudu, ba itiretse leina ka bothakga jwa go bopa dinkgwana.
Mme Ketlhoelwang Moreki yo o tshotsweng ka 1972 le Mme Duduetsang Moreki wa 1962 ba nyetswe mo lelwapeng loora Moreki.
Bobedi jo, bo tumile ka go bopa dinkgwana mo e bileng ba itsege ka leina la ‘Dingwetsi tsoora Moreki tsa dinkgwana’.
Ga ba bope dinkgwana fela, ba bopa mekgabisa e akaretsa dikopi, dijana le tse dingwe ba dirisa dimpapiri tsa dikgang tse dikgologolo.
Tiro e, ba e simolotse ba ntse ba gorositswe kwa Goora Moreki mme e bile ke ditsala tse di ntshanang seinong.
Go le pele, mongwe le mongwe o ne a ikemetse ka nosi, kgabagare ba lemoga gore monwana o le mongwe, ga o runye nta, mme ba kopana go nna seopo sengwe.
Mme Duduetsang o supa fa kitso ya go bopa dinkgwana a e tsere kwa ditshupong tsa Motokwe tsa ntlha mo go Mme Gakebobone Mokhawe, yo a neng a mo ruta go simolola ka go kolobetsa dipampiri mo metsing go fitlha e thugwa, e bopiwa e bo e nna selwana se se feletseng.
“E rile ke tswa kwa, ke bo ke thuthuntsha ka gore ke abetswe talente, ke e tsaletswe e bile rre e ne le modiragatsi wa tlhotlhwa,” Mme Duduetsang a tlhalosa.
Mme Ketlhoelwang ene a re kitso o e kwatabolotse mo go mme mongwe go ne kwa Motokwe, yo a sa tlhole a le mo botshelong.
Go taka dilwana tse ba di bopileng, ba supile fa ba tshepa bontle jwa mebu ya Molepolole le Khudumelapye, mme yaare go tsweng foo, ba kgabise ka dithotse tsa magapu, marotse, kgengwe, dinawa le meretlwa.
E ne ya re mo tsamaong ya nako, ba ngoka Mme Dorah Molematsela gore ba nne setlhopha se se popota ka keletso ke go nna la madirelo a matona a Motokwe a tlaa itsegeng ka one, a a ka tokafatsng itsholelo ya bone le ya motse.
Setlhopha se, se ikiteile sehuba go nna sekao mo go bomme ka go lemoga fa e le bone ba aperweng ke lehuma.
Ba kaile fa ba tlhaela kitso ya go dira dilwana tse di ka dirisiwang, e se mekgabisa fela le thuto ya gore ba ipabalele jang fa ba le mo tirong, go itsa go baya matshelo a bo ne mo diphatseng.
Ba re ba eletsa go nna le lefelo le ba ka direlang kwa go lo ne, go na le go direla mo lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : MOTOKWE
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2024