Kgosi o ba gwetlha go fetola maitsholo
03 Oct 2024
Morafe wa Batawana o gwetlhilwe go fetola maikutlo, dikakanyo le boitshwaro gore ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse dintle tse ba di lopang mo botshelong.
Go tlhalositswe fa tlhabisa ditlhong gore e re bogogi jwa lefatshe leno bo boloditse letsholo go rera efangedi ya go fetola dikakanyo le boitshwaro, bangwe ba bo ba santse ba ngosela go fetoga.
Kgosi Oleyo Ledimo wa kgotla kgolo ya Maun o buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng.
A kgala morafe go goga dinao mo go tseneleleng ditirong tsa botlhokwa jaaka boipuso, a re ba tshwanetse ba fetola dikakanyo mme ba lemoga botlhokwa jwa go tla dikgotleng go tla go ipela ba le seopo sengwe.
Kgosi Ledimo a re ba tshwanetse go tsweledisa mowa o montle wa go tshegetsa se se jwadilweng ke bagolo ba pele.
A kgothatsa morafe go supa boitshwaro jo bo eletsegang, a re ba tshwanetse ba ema kgatlhanong le sepe fela se se ka kgotlhelang kagiso e e renang mo lefatsheng leno.
O rotloeditse morafe go tlotla nako, a re go le gantsi ba na le go simolodisa ditiro morago ga nako e e beilweng, a tlatsa ka go re go dira jalo ke tsela nngwe ya go fetola boitshwaro.
Mokhanselara wa kgaolo ya Kgosing/Kubung, Rre Tswelelo Sebati o ne a iteela kobo moroko kgang eo, a re serudmo sa go ipelela boipuso se wetse tlase ka jaana morafe o sa tlhole o ya kwa dikgotleng go ipela.
O ikuetse mo Batswaneng go fetola seemo seo, a re go botlhokwa go kopana go tla go gakololana le go amogana maele.
“Ke gwetlha dikomiti tsotlhe tsa ditlhabololo tsa motse go netefatsa gore maloko a dikgaolwana tsa one a tla mo kgotleng e tona gore re busetse serodumo sa yone,” a tlatsa jalo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Sebati o ne a ikuela mo morafeng go emela dikgang tsa kgokgontsho ya bana ka dinao ka jaana di tshwenya.
A re mo kgweding fela ofisi e e maleba e kwadisa dikgang di le 27, seo e le sesupo sa gore bana ba dirisiwa botlhaswa le mo go tsa tlhakanelo dikobo tota.
A re sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele, a re seo se kgoreletsa ba ba maleba go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bana le go ba sireletsa.
Rre Sebati o kopile botsadi go tshwaragana le ba molao ga mmogo le ba boipelego go sireletsa bokamoso jwa bana, a re ba tshwanetse ba bega ditiragalo tseo gore badira molato ba tseelwe dikgato.
“Go botlhoko go bona moithuti yo o kwa sekoleng se sebotlana a imile. Ke ka moo ke ikuelang mo botsading go tlhokomela bana le gone go ba fapha mo go tsotlhe tse di ka ba senyetsang bokamoso,” a bua jalo.
Kwa kgotleng ya Moeti mookamela kgolegelo ya Maun, Senior Superintendent Maikutlo Kwafela o ne a gatelela botlhokwa jwa go fetola maitshwaro le dikakanyo, a supa fa seo se ka thusa ba le bantsi go fitlhelela ditoro tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Oct 2024