Ditsela di tlaa fokotsa mosuke wa dikoloi

03 Oct 2024

Ditsela tse puso e boloditseng letsholo la go di aga di tlaa fokotsa mosuke, ka jalo dikotsi di wele tlase.

Ditiro tse di tsamaisanya le maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go fetola lefatshe leno go nna maharatlhatlha a dikago tse di gwetlhang kgolo ya itsholelo.

Tona wa dipalamo le ditiro tsa setshaba, Rre Eric Molale o buile se kwa moletlong wa tshimolodiso semmuso ya kago ya tsela ya Moshupa-Manyana o o neng o tshwaretswe wa Manyana ka Laboraro. Rre Molale a re re tsela eo e tlaa thusa balemi le bagwebi ba metse e e mo tikologong gore ba kgone go fitlhelela mebaraka e e kgakala le bone, ka jalo seo se godise itsholelo ya kgaolo.

O kopile bodiredi jwa kompone ya Heinsite Construction, e e thapetsweng go aga tsela eo, go fetsa tiro mo nakong e ba e filweng ya dingwaga tse pedi ka seelo sa madi a a dumalanweng.

O ne a ba rotloetsa go dira tiro ka botswerere le manontlhotlho, ele tsela nngwe ya go netefatsa fa dikompone tsa Batswana di na le bokgoni.Rre Molale a kopa kompone eo go thapa banni ba Manyana le metse e e mabapi bogolo jang mo ditirong tse di sa tlhokeng boitseanape jo bo kalo. O ne a rotloetsa gore ba ba tlaa hirwang ba itshware sentle le go sala melao ya pereko morago.

A re ere ka jaana puso e dirisa madi a mantsi go dira ditsela tseo, lephata la gagwe le ikaelela go gagamatsa setoropo mo bakgweetsing go babalela itsholelo.

Tona o ne a re ba tlaa netefatsa gore dithuto tsa bakgweetsi ke tse di tseneletseng, e le tsela nngwe ya go fokotsa dikotsi mo ditseleng.

“Re a go gagamatsa molao kwa dikoleng tsa ithutelo go kgweetsa go fokotsa dikotsi mo ditseleng,” a tlhalosa.

Rre Molale o ne a kopa barui go ntsha leruo la bone mo ditseleng go hema dikotsi tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kompone ya Heinsite Construction, Rre Kitso Motshome a tlhalosa fa ba lemoga seabe sa ditlhabololo di tshwana le ditsela mo matshelong a batho, segolo jang mo go nonotsheng itsholelo le go tlhama ditiro.

Ka jalo, a tlhalosa fa ba itlama go dira tiro eo ka bonokopila le go netefatsa gore e fela ka nako e e beilweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MANYANA

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 03 Oct 2024