Banni ba Mogapi ba lebogela thobo
09 Sep 2024
Banni ba Mogapi ba akgoletswe go bo ba tsweletse ka go tshegetsa ngwao.
Se se kaya fa setshaba sa Mogapi se ka se timele jaaka Setswana se tlhalosa fa tshaba e e senang ngwao e le e e latlhegileng.
Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele o buile se kwa moletlong wa go ipelela ngwao, go isa le go lebogela thobo kwa motseng oo bosheng.
Rre Modukanele a re go a itumedisa go bona banni ba tshwaragane, bogolo jang ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosi Boago Monnaapula le bathusi ba gagwe.
A re tshwaragano ya makgotla a a ikemetseng jaaka dikereke a na le karolo e tona e ba e dirang bogolo jang ka bone ba itebagantse le go bopa setshaba mo go tsa semoya.
A re go tsenya letsogo mo tshomarelong ngwao ga banni ba Mogapi go thusa puso go aga setshaba sa kamoso se se ikgaphang mo ditirong tse di bosula jaaka dipolaano, nnotagi e e feteletseng le kgokgontsho.
Mothusa tona a re kago ya motho e ikaegile ka ngwao, a tlhalosa fa puso le yone e rotloetsa thata gore setshaba se itse le go tlotla ngwao ya sone.
O kgothaditse bagolo ba motse wa Mogapi le mekgatlho go ema ka dinao go aga motho le setho sa ngwana wa Motswana mo go tsa ngwao.
Rre Modukanele o tlhalositse fa go isa thobo kwa kgosing go se go sha ka go tswa gooLowe go lebogiwa Modimo, ka jalo a gwetlha banni ba motse oo go tswelela ba dira jalo ba sa tlogele kereke kwa morago.
A re se ke tiro e ntle e e kopanyang merafe yotlhe le go godisa itsholelo ya one ka jalo bagwebi ba dirise sebaka seo go bapatsa dithoto tsa bone go itirela letseno, le go ruta banana ka fa go neng go dirwa ka teng go leboga Modimo.
A ba kgothatsa go seka ba tlogela banana kwa morago ka le bone ba tshwanetse go ithuta gore ba tsoge ba ruta bana ba bone.
Rre Setlhabelo a ba rotloetsa go inaakanya le maitlamo a ga Tautona a go fetola dikakanyo le boitshwaro mme ba sa tlogele ngwao ya bone kwa morago.
Kgosi Monnaapula o kaile fa moletlo o, e le selo se se dirwang ngwaga le ngwaga mme ba setse morago dikgato tsa borraabone mogolo.
A re le ntswa dipula di sa tlhole di na jaaka pele, seo ga se a tshwanela go ba kgoba marapo.
Mongwe wa batsena moletlo oo, Rre Peter Motlhasedi a tlhalosa fa letsatsi leo le raya go le gontsi mo bathong ba Mogapi.
A re seo se tlhalosa boleng jwa temo mo matshelong a bone ka jalo ba bona go le botlhokwa go isa malebo kwa Modimong.
Rre Motlhasedi a re le fa ba ne ba sa tswa ka sepe kwa masimo ka lebaka la dipula tse di boutsana, ba solofela fa Modimo o tlaa ba utlwela botlhoko jaaka ba tsweletse ka go lelela kwa go One.
O kaile fa nako e gorogile gore mongwe le mongwe a inaakanye le temo go itirela dijo ka se se ka fokotsa madi a a dirisiwang go reka dijo kwa ntle ga lefatshe.
A re se se nametsang pelo ke gore le banana ba simolotse go tsena mo temong e e tlhabolotsweng, a re se se tsisa tsholofelo gore lefatshe le mo tseleng e e siameng ya go bopa itsholelo e e nonofileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MOGAPI
Event : Moletlo wa Ngwao
Date : 09 Sep 2024