Breaking News

Maranyane a ka tlhabolola matshelo

27 Aug 2024

Banni ba Tlokweng ba kgotlhaditswe go dirisa maranyane go tlhabolola matshelo a bone.

Banni ba tlhaloseditswe  gore go inonotsha mo dikitsong tsa maranyane go ka ba thusa go itepatepanya le diphetogo tse di diragalang mo lefatsheng.

Kgosi Michael Gaborone o buile se ka Labotlhano kwa Tlokweng jaaka puthego ya beke ya maranyane e ne eya motsubong.

 “A dithuto tse re di anyileng di fetole ka fa re ntseng re dira dilo ka teng, gore re tle re iketshe mo lehumeng,” ga tlhalosa Kgosi. A re keletso ya gagwe ke go bona itsholelo ya Batlokwa e tokafala ba sa salele kwa morago mo dikgannyeng tsa tiriso ya maranyane.

A re nako e fitlhile ya gore Batlokwa ba ntshe dithoto tsa maemo; tsa temo thuo kana bojanala go tlhama mebereko le go fetola ka fa ba ntseng ba akanya ka teng gammogo le go leba dilo ka mo go faphegileng. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Dintle Petje a re ke nako ya gore Batlokwa ba boele kwa marakanelong a ditsela ba tseye tiriso ya maranyane tsia ka go supafala e le yone e ka fefosang ka fa dilo di dirwang ka teng. “Re itumetse ka jaana re tlaa simolola go dira ditiro tsa rona ka maranyane re na le dikitso tse di maleba,” ga bua Mme Petje.

A re Batswana ba tswa kgakala ka maranyane, a re go dira dilo tsa setso ke mokgwa mongwe wa tiriso ya maranyane ka go dirisiwa metswako mengwe go tokafatsa boleng jwa didirisiwa.

A supa fa maranyane a le botlhokwa ka mo malatsing ano motho a kgona go dira ditiro tsa gagwe mo maranyaneng.

Motshwarelela Mookamedi wa lephata la Research and Knowledge Business Mme Phodiso Phole a re morero konokono mo tsamaisong ya lefatshe ka jaana morero o nolofatsa dilo go tsamaya sentle.

A re dikitso di na le maatla, ka jalo di tshwanentse tsa bolokiwa le go sirelediwa gore di tlamele beng. 

“Ga re kake ra nna mo leubeng mme re na le dikitso, re tshwanetse ra tlogelela dikokomane boswa go tla go ithuta ka ngwao ya lefatshe leno,” ga bua Mme Phole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : Ipelo

Date : 27 Aug 2024