Baithuti ba amogela dibaesekele
14 Aug 2024
Go ne go rena boitumelo kwa Tsabong bosheng jaaka baithuti ba le bararo ba sekole sa Tsabong Unified Senior Secondary School le batsadi ba bone ba ne ba amogela dimpho tsa dibaesekele tse ba neng ba di solofeditswe ke mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi.
Moemedi wa Lephata la Thuto go tswa kwa Moding mo kgaolong ya Kgalagadi yo o okametseng lekalana la tshidilo maikutlo le bogakolodi, Mme Tebogo Ramodikwana a re Mme Masisi yo e leng moemedi wa lekgotla la bahumagadi ba botautona lefatshe ka bophara la Merck Foundation o abile dibaesekele tsa maemo a a kwa godimo bosheng mme jaanong di simolotse go phatlaladiwa le dikgaolo tsa Kweneng, Kgalagadi le Bokone Bophirima. A re Mme Masisi ka fa tlase ga lekgotla leo o abetse bana ba basetsana ba ba tsamayang sekgala se se leele go ya sekoleng ba le masome a mane dibaesekele le go ba thusa ka dituelo le sepe se ba se tlhokang tsa sekole, ba tlaa tlhokomelwa dingwaga tse tlhano.
Mme Masisi o abetse bana ba basetsana ba le lesome dibaesekele fa ba supa ba tlaa tlhokomelwa dingwaga tse tlhano go simologa ka mophato wa ntlha go fitlha ka wa botlhano mo Kgalagadi. A re ka nako ya kabo dimpho kwa Gaborone bana ba ne ba tseetswe kwa godimo ba robadiwa go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto gore fa ba gola ba nne le dilo tsa go tshwana le tseo.
A re bana bao ba iponetse Mme Masisi fa a dirwa moemedi wa Merck Foundation mme seo sa ba fa tsholofelo gore ba nne le ditoro tsa go kgona tse dintle, a supa fa ba ithutile go le gontsi mo bokopanong joo.
A re Merck Foundation e itebagantse le baithuti ba basetsanyana le bomme ba ba nang le letlhoko. A re go tlhophilwe dikgaolo tse tharo ka dipatlisiso di supa fa di tshabelelwa ke lehuma. A re dibaesekele tseo di tlaa thusa go tokafatsa maduo ka go fefosa mosepele go ya sekoleng.
A re go tlaa ba thusa go goroga ka nako kwa malwapeng, le mo letsapeng, ka bangwe ba tsamaya dikhilomithara tse masome a mararo. A re ba ne ba itshwaragantse le ba boipelego go tlhopha bana bao ba lebile maduo le kwa ngwana a tswang teng. A re thotloetso e supa gore ngwana o thusiwa go tswa kwa mophatong wa ntlha go ya kwa go wa botlhano. Kgosi David Toto II wa Tsabong o lebogetse dimpho tseo tse a reng ke tiro e ntle ya bopelotlhomogi. A re Mme Masisi o tlhola a ba tsisetsa sengwe mo kgaolong go tokafatsa matshelo mme e bile a rotloetsa go gola ga kgaolo ka go nna morotloetsi mogolo wa TSAMAMA Trust.
Kgosi Toto II o ne a kopa baithuti go tlhokomela dimpho gore di ba tseye sebaka.
Kgosi o ne a patilwe ke moemedi wa ofisi ya moladi Mme Thapelo Lesolame…BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Kabo dibaesekele
Date : 14 Aug 2024