Maduo a lenaneo la Mindset Change a a bonala
24 Jul 2024
Motsadi go tswa kwa Bokspits Mme Sophie Matthys, o tseela kwa godimo thata lenaneo la ‘Mindset Change’ ka le sa thuse fela mo dikgwebong mme a le dirisa mo lwapeng la gagwe mo ditirong tsa tsatsi le letsatsi.
Mo puisanong le BOPA, Mme Matthys yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bone o o boletse fa a na le bana ba le bararo, basetsana ba babedi le mosimane a le mongwe ba ba dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, masome a mabedi le le boherabobedi le masome a mabedi le bobedi.
A re morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ‘Are Chencheng’, ke tautona Dr Mokgweetsi Masisi ngwagatola, o ne a nna fa fatshe le bone go ba ruta botshelo le gone go fetola ka fa ba akanyang le go dira dilo ka teng, mme ba babedi ba ne ba simolola go ichebachebela mme a nna le yo monnye mo lwapeng.
O boletse fa a rutile bana ba gagwe go ikemela mo botshelong le go emelana le dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone gore fa ene le monna wa gagwe ba setse ba se mo botshelong, botshelo bo sale bo tswelela.
A re ba rutile bana ba bone gore botshelo bo a itirelwa mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa gore fa ba tlhokafetse go na le boswa jo bo ba salelang.
Mme Matthys a re seo se dia bana go itirela mme kwa phelelong se bake tlhokakutlwisisano le lefufa selo se se kgotlelang kagiso mo malwapeng.
O tsweletse a tlhalosa fa mo lwapeng botlhe ba dira ditiro ka go lekana jaaka go apaya, go tlhatswa, go phepafatsa, go thusa mo kgwebong potlana ya semausu ba sa tlhaole gore tiro e lebagane borre kana bomme jaaka pele le mo ngwaong go ne go ntse bogologolo.
O ne a gwetlha Batswana ka kakaretso go ema ka dinao mme ba fetole dikakanyo, maikutlo le boitshwaro bogolo jang banana bangwe ba ba inaakantseng le ditiro tsa botlhoka tsebe di akaretsa ditagi, borukutlhi le tse dingwe gore ba goroge kwa Tebelopele ya 2036 go sena ope yo o saletseng kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2024