Terata e thusa mo borukutlhing
24 Jul 2024
Bogosi jwa Phitshane ga mmogo le sepodise ba re terata e e sa tswang go agiwa ya matlhoko a leruo e fokoditse borukutlhi mo kgaolong.
Terata e, e agilwe go tswa kwa motseng wa Tlhareseleele go ya go tsena kwa Mabule, morago ga gore go nne le dipego tsa bolwetse jwa tlhako le molomo kwa South Africa.
Mo potsolotsong Kgosi Odirile Sekwenyane o boleletse gore fa e sa le terata e dirwa, ba itemogetse kwelo tlase ya melato ya go tlodisa leruo le diritibatsi.
A re le fa Barolong ba ne ba le kgatlhanong le kago ya yone, bontsi bo simolotse go bona mosola wa teng.
Kgosi Sekwenyane a re terata eo e e agilweng go bapa le molelwane jaanong e kgontsha makalana a mangwe a puso jaaka mapodise le masole go dira tiro ya bone sentle ka go na le tsela.
“Pele ga terata e dirwa, go ne go le sekgwa mme seo se direla mapodise tiro bokete ka gore ba ne ba sa kgone go tsamaya mo sekgweng,” Kgosi Sekwenyane a tlhalosa.
Mogolwane wa sepodise kwa Phitshane Molopo, Superintendent Thusego Kenyafetswe le ene o supile fa terata e e simolotseng tiro ya yone e le go kganela leruo, jaanong e dira ditiro tse pedi.
A re ba kgona go tsamaya mo molelwaneng ka phuthologo, mme seo se fokoditse melato e e neng e ba tshwenya ya bogodu jwa leruo le go tlodisiwa ga dithoto mo go seng ka fa molaong.
Supt Kenyafetswe a re le fa bangwe ba a tle ba kgaole terata, ba kgona go lemoga ka bonako mme e baakanngwe.
“Le fa leruo le tlodisitswe re kgona go lemoga ka bonako ka gore le bosigo re tsamaya re tlhola gore a mme sengwe le sengwe se siame,” Supt Kenyafetswe a tlhalosa.
Mo go tse dingwe a re ba Phitshane ba tshwenngwa ke melato ya dititeo e e diragalang kwa marekisetsong a majalwa a a mo malwapeng. O tlhalositse fa ba lwantshana le seemo se ka go etela marekisetso ao mme ba lebise ba ba senang diteseletso tsa go rekisa molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : PHITSHANE MOLOPO
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2024