Botswana o ipelela letsholo la mindset change

23 Jul 2024

Botswana o tlaa ipelela segopotso sa ngwaga, sa letsholo la ga Tautona la Mindset Change, Phukwi a tlhola malatsi a le masome a mararo kwa Seronga.

Mokete o, o tlaa gasiwa ka tlhamalalo mo sesupa ditshwantshong sa Botswana (Btv) le metswedi e mengwe ya dikgang.

Lenaneo le, le tlhomilwe semmuso ngogola ka kgwedi ya Phukwi kwa Zutshwa, ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi mme maikaelelo a lone ke go rotloetsa setshaba go fetola ka mo se dirang dilo ka teng.

Moletlo o, o tlaa fa Batswana sebaka sa go ikanoka gore e sa le tshimolodiso ya letsholo, ba le atlile go le kae kana ba kgonne go fitlhelela eng mo matshelong a bone e le ka lebaka la go bo ba fetotse dikakanyo, maikutlo le boitshwaro.

Fa a buisana le BOPA, mogokaganyi wa letsholo le kwa Okavango, Mme Tshegofatso Sejeso o tlhalositse fa meletlo e tlaabo e le go kala se se kgonafetseng go simolola fa letsholo le bolodiwa go fitlha gompieno. 

A re moletlo o, o tlaabo o ketekwa go lebilwe dintlha dingwe jaaka go ntlafatsa le go kgabisa tikologo e ba tshelang mo go yone, go simolola kwa lwapeng.

E nngwe e itebagantse le ka fa Batswana ba tlhabololang le go godisa dikgwebo tsa bone ka teng go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GUMARE

Event : Mindset Change

Date : 23 Jul 2024