Molaodi o kgothatsa banni ba Ghanzi go tsaya karolo
23 Jul 2024
Molaodi wa toropo ya Ghanzi, Rre Ketumile Ramotadima o gwetlhile banni ba Ghanzi go tsaya karolo mo ditshupong tsa temo-thuo ya monongwaga, go leka go tokafatsa matshelo a bone go nna a a itumedisang.
A re ditshupo tsa kgaolo ya Ghanzi ke dingwe tsa ditshupo tse di tumileng go ralala lefatshe leno, ga mmogo le mo mafatsheng a a mabapi.
O buile seo, ka mafelo a beke jaaka ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ba ne ba tshwere mogwanto wa go ipelela matlotlo a kereke ya bone mo kgaolong ya Ghanzi.
Ka jalo, Rre Ramotadima a re go maleba gore banni ba tseye karolo ka go isa disupiwa tsa bone ka jaana ditshupo di ba fa sebaka sa go kopana le bagwebi le barui ba bangwe go ka amogana dikitso ka temo-thuo le ditirelo tse dingwe ka go farologana.
A re dikitso tseo, di ka ba kgontsha go tllhabolola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng go ba thusa go tsweledisa serodumo sa thuo ya kgomo jaaka e le sekano sa mono, mme ebile a re ba ka kgona le gone go se godisa go feta selekanyo.O tlhalositse fa goromente a thubile lebelo go leka go kabakanya itsholelo mo lefatsheng leno, e le tsela nngwe ya go godisa seemo sa itsholelo go nna ya maemo a a kwa godimo ka ngwaga wa 2036.
A re ka jalo, Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ititaya ka thupana go ema puso nokeng, ka go dirisa mananeo a itshetso a tshwana le la Chema chema, Temo Letlotlo, Thuo Letlole le a mangwe a ka one, a ka ba kgontshang go tokafatsa itsholelo ya magae go fitlhelela kwa go ya lefatshe ka bophara.
Molaodi o ne a lebogela seabe sa kereke mo go simolodiseng thuto ya go bala le go kwala mo lefatsheng leno go tswa goo- lowe.
O ne a tlatsa ka gore kereke ga e ipone tsapa ka jaana e ntse e tsweletse ka go godisa thuto mo setshabeng ka go ruta lefoko la Modimo.
Rre Ramotadima o ne a gatelela botlhokwa jwa thuto a supa fa e tlaa kgontsha setshaba go diragatsa maitlamo a puso a go godisa mohama wa itsholelo go sa ikaega ka ditswammung fela mme e nne le tshiamelo mo go ikaegang ka dikitso go kgona go itepetepanya le seemo sa diphetogo tsa seemo sa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GHANZI
Event : mogwanto wa go ipelela matlotlo
Date : 23 Jul 2024