Lebelo la BotswanaLife Classic marathon le godile
22 Jul 2024
Lebelo lwa BotswanaLife Classic national half marathon go tlhalosiwa fa le godile monongwaga.
Se se builwe ke morulaganyi wa lebelo le Mme Tebogo Keepetswe, yo gape e leng mogolwane kwa BIHL.
Mme Keepetswe a re pele ga COVID-19, lebelo le ne le gatisa batabogi ba ka tshwara 750 mme palo eo e godile mono ngwaga ka go ngoka batabogi ba le 1 250 mo dikarolong tse tharo tse di neng di akaretsa lebele lwa banyana, lwa 21.1km le lwa 10km, ka Tshipi.
A re ba nnile le thotloetso e tona go tswa kwa go ba sepodisi sa Botswana le mokgatho wa Botswana Athletics Association.
A re ba itumeletse batsaya karolo go tswa kwa South Africa, Zimbabwe, le Kenya mme a supa fa bontsi bo ne bo tswa mo gae.
O kgothaditse Batswana go tswelela ba itlhokomela kgatlhanong le malswetse a a sa tshelanweng a supa fa seo, e le lengwe la lebaka la go tshwara lebelo le. A re maikaelelo a mangwe ke go gakolola setshaba ka botsogo jo bo siameng, go itshidila le go ja sentle, dilo tse di ka thusang go oketsa botshelo jwa motho.
Rre Ebel Chibanda o ne a fenya mo letlhakoreng la borre la 21.1km fa Mme Boikhutso Bakha a ne a itlhoma kwa pele mo go bomme.
Rre Sylvester Koko ò ne a fenya borre mo 10km fa Mme Mosadikwena Gotswakgosi a ne a fenya bomme. Bafenyi ba 21.1km ba gapile P20 000 fa ba 10km ba gapile P10 000. BOKHULO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Botswanalife Classic national half marathon
Date : 22 Jul 2024