Breaking News

Bale o itshetsa ka peanut butter

22 Jul 2024

Mme Cathrine Bale go tswa kwa kgaolwaneng ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe ke sekai sa mme yo o neng a seka a letlelela diemo tsa botshelo go mo gatelela ntswa go ne go sena kwa a tshwarang teng.

Ya re go lemoga letlhoko la ditiro le le kwa godimo o ne a supa kgatlhego ya go dira peanut butter go fokotsa manokonoko a lehuma go tshetsa ba lelwapa la gagwe. 

Go fitlhelela keletso ya go itshetsa a kwadisa khamphane ya gagwe ya leina la PEANASCO a thusiwa ke ba Lephata la Bong.

Ka dilo makwati, Mme Bale o ne a anyile botsipa jwa go dira peanut butter mo mogwebing mongwe go tswa Zimbabwe yo neng a itshetsa ka go rekisa peanut butter kwa Botshabelo.

Le fa go ntse jalo go ne go se bonolo ka a ne a sena didirisiwa tse di siameng go mo thusa go dira peanut butter ka seelo le boleng jo a neng a bo eletsa ka a ne sila manoko a dirisa  lebotlole  ele tshilwana.

“Go sila manoko ka lebotele go ne go se motlhofo ka go ne go lapisa ebile bopi jwa manoko a teng bo se boleta jaaka ke ne ke eletsa,” ga tlhalosa jalo Mme Bale yo dingwaga tse di masome a supa le bone.

Go utlwalela ka dithuso tsa bomme tsa Lephata la Bong, a nna mongwe wa bantlha go iketleetsa go kopa thuso tsa madi.

Le bone ba seka ba mo latlhelela ba mo amogela ka diatla tsoo-pedi, ba mo ruta ka kgwebo, le go kwadisa khampane pele ba mo thusa ka P250 000.

Madi a ne a mo kgontsha go reka didirisiwa gore a kgone go dira peanut butter e e nang le boleng ebile e ka rekisega motlhofo.

A re peanut butter e a e dirang e motlhofo mme e bile e na le tatso e e monate ka e sa tsenngwe metswako epe, ka a sila manoko fela mme ga a fetsa a latlhele letswai go e natefisa.

Go lemoga fa dingwaga di setse di tsamaile, a kopa morwae go tshwaraganela kgwebo le ene gore a ithute a tsoge a kgone go ka tsweledisa, mme a tlhalosa fa ba tsweletse sentle.

Mme Bale o lebogetse puso gore e bo e mo ntshitse mo lehumeng ebile a kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe.

Jaaka mogwebi yo o santseng a gola ebile a ikaelela go godisa madirelo a gagwe gore a kgone go phadisanya le bagwebi ba bagolwane.

O kaile fa go ise go lekane mme go tlhoka mochine o mongwe o o feferang, mme mo nakong ya gompieno a dirisa leselo go tlhaola makape mo manokong.

Ka lefatshe leno le sa itemele manoko, Mme Bale o reka manoko kwa Zambia, selo se a reng se a mo turela go reka dikgetsi tsa manoko le go duela dipagamo.

O tlhalositse fa kgetsi ya 50kg e rekisiwa madi a a kana ka P1 200 mme a kgona go reka tse pedi mo bekeng.

O kaile fa mo bogompienong a ise a kgone go bona mmaraka mo mabentleleng a matona mme bareki ba gagwe e le batho fela ba mo motseng.

Gore a kgone go rekisetsa mabentlele a matona le kwa pusong go tlhoka gore a bo a na le setlankana sa PPADB se a santseng a lwantshana le go se dira.

A re o eletsa gore a kgone go bona lefelo le a ka direlang mo go lone, a tlhalosa fa e rile a simolola go ne go na le kwa a neng a direla teng mme a ntshitswe ke go kokonelwa ke madi a phiriso.

Mme Bale o ne a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e fetotse botshelo jwa gagwe mme a eletsa gore e gole a bo a kgone go tlhamela ba bangwe ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Interview

Date : 22 Jul 2024