Chema Chema e ka fetola matshelo - Ebineng
21 Jul 2024
Mokwaledi wa Lephata la Dikgwebo Rre Kabelo Ebineng o rotloeditse banni ba metse ya Machaneng, Sefhare, Ramokgonami le Pilikwe go dirisa lenaneo la Chema Chema go itshetsa.
A tlhalosa fa dipalo di supa gore kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami e saletse kwa morago thata mo go diriseng lenaneo le.
O buile jalo fa ba isitse ditlamelong kwa metseng eo ka Labotlhano. A re lenaneo le le diretswe Batswana go adima madi go simolodisa dikgwebo potlana kana go nonotsha tse di ntseng di le teng.
Rre Ebineng a re lenaneo le thusa Motswana yo o dingwaga di lesome le boferabobedi (18) go ya kwa godimo, wa letseno le le sa feteng P4000 le kgwebo e e sa direng madi a a fetang P200 000.
A re mo lephateng la gagwe puso e dirile molao o o akaretsang Batswana morago ga go lemoga gore Batswana bangwe ba saletse kwa morago mme ba akanyediwa ka mananeo a a ka bantshang kwa morago.
O ba rotloeditse go etela lekalana la LEA le la CEDA go ya go tsaya ditlhaloso tse di tseneletseng kwa go bone jaaka e le batsamaisi ba lenaneo la Chema Chema.
Mogolwane o ba kgothaditse go emisa mokgwa wa go dira dikgwebo tse di tshwanang, ba le bantsi mo go tsone, a tlatsa ka gore go botlhokwa go sekaseka mmaraka pele.
Rre Ebineng a re puso e rotloetsa gore go rekwe mo dikgwebong potlana tsa bone e le go di nonotsha.
A re ba lekalana la LEA le CEDA ba tlaa nna ba isa ditirelo kwa go bone go ba rotloetsa le go ba nonotsha.
A re keletso ya lenaneo la Chema Chema ke gore Batswana ba dire madi go itshetsa.
Mogolwane wa lekalana la CEDA Rre Thabo Thamane a re Chema Chema ke lenaneo la nnete, a re ba seka ba reetsa magatwe le ba ba le kgalang.
Rre Thamane a re go botlhokwa gore fa motho a bone sebaka a se dirise go tokafaletsa botshelo jwa gagwe, a tlatsa ka gore ba seka ba diiwa ke magatwe a batho ba e seng badiragatsi ba lenaneo.
Rre Thamane o ba rotloeditse go tsaya ditlhaloso mo batsamaising ba lenaneo, le go sekaseka mmaraka pele ba dira kgwebo
A re madi a Chema Chema ke a dikadimo ka jalo o rotloeditse badirisi ba lenaneo go nna ba kgaola sekoloto fa ba bo ne letseno. A re fa motho a feditse go duela sekoloto sa gagwe o kgona go adima gape.
Rre Thamane a re ba setse ba kwadisitse baikopedi ba le 16 122, mme dikopo tse di arabilweng dile 12 053, mo go tsone 72% e le bomme, borre 28%, mme palo ya banana e akaretsa 32%, fa ba-na-le-bogole ba thusitswe ba le 111.
Mogolwane wa lekalana la LEA Rre Godfrey Molefhe a re go ya ka thulaganyo ya lenaneo le, motho o ikwadisa kwa go bone. A re go ikwadisa go tlhoka Omang, go tlatsa dipampiri, mme e re morago ga go dira tsotlhe, moikopedi o ya go ikopela madi kwa CEDA.
Kgosi wa motse wa Machaneng Kgosi Gorata Ketshogile o lebogile ba Lephata la Dikgwebo, CEDA le LEA go tsisa ditlamelo kwa go bone.
Kgosi o ne a re banni ga baa bolo go batla lenaneo le, mme ba lela ka bokgakala jwa go le latela kwa diofising.
O kopile batsamaisi ba lenaneo gore ba tle go ruta le go tlhalosetsa banni ka bangwe ba tlhaela go ya kwa diofising.
Mokhanselara wa kgaolo ya Maape/Pilikwe/Mhalapitsa Rre Kebadirile Ngongorego o kopile Banni gore ba seka ba diiwa ke magatwe mme ba tseye lenaneo.
Rre Ngongorego a re kgaolo ya bone e iteilwe ke lehuma thata le letlhoko la ditiro, a tlhalosa gore dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke ba boipelego le Ipelegeng di le kwa godimo.
Rre Ngongorego a re fa banni ba ka tsaya lenaneo la Chema Chema dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke boipelego di ka wela tlase.
Banni ba ne ba lela ka mmila kwa diofising, tsa LEA le CEDA le dipampiri tsa marekisetso tse di batiwang di le tharo ba re di a ba kgarakgatsha e bile ba dirisa madi a mantsi.
Ba kopile gore ba atameletswe ditlamelo tsa lenaneo la Chema Chema ka gore ba batla go le tsaya mathata e le dikgoreletsi le magatwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MACHANENG
Event : Ditlamelong kwa metseng
Date : 21 Jul 2024