Ramatokwane o amogela ntlo
16 Jul 2024
Marekisetso a Choppies kwa Letlhakeng ba abetse Mme Atlarelang Ramatokwane ntlo ya dikamore tse tharo le ntlwana ya boitiketso, kwa motseng oo, ka Labone.
E rile a amogela baeng kwa tirong ya go aba ntlo, Kgosi Seiso Ponego wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng, a supa gore fa motse o gola le letlhoko le dikgwetlho di nna dintsi.
Kgosi Ponego o ne a supa fa ba le lesego gore mongwe ka bone a bo a abelwa ntlo, selo se a supileng e le mpho e tona.
E ne ya re fa a bua maikaelelo a letsatsi, mokwaledi kwa ofising ya mopalamente, Rre Tshenolo Babupi, a supa fa ba Choppies ba ne ba supa fa ba batla go aga ka bonako, mme ba batla yo mongwe yo a neng a sena bonno jo bontle, ka jaana a kile a senyediwa ke dipula.
Rre Babupi o ne a tlhalosa fa ba ne ba buisanya le baagisanyi ba ga Mme Ramatokwane go dirisa metsi a bone ka jaana le metsi a ne a se yo, mme ba tsweledisa kago.
Moemedi wa lebentlele la Choppies Rre Baone Kegakilwe, o ne a supa fa Choppies e setse e agile matlo a le masome marataro mo Botswana, a supa fa monongwaga ba dirisitse P500 000 ba agela Batswana matlo.
Rre Kegakilwe o ne a supa gape fa Choppies e na le mabentlele a le lekgolo mo lefatsheng leno le badiri ba le dikete tse thataro, a bo a tlhalosa fa lebentlele leo le sala morago puso ka palo e ntsi ya babereki.
Rre Kegakilwe o ne a kopa Mme Ramatokwane go tlhokomela ntlo eo gore e tle e tlhokomele dikokomane tsa gagwe. O supile fa Choppies e dira jaana go busetsa kwa Batswaneng ba ba e tshegeditseng ka go reka mo go yone.
O ne gape a kopa Batswana go ikwadisetsa motshelo kwa Choppies go ipolokela madi teng.
Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng, o ne a supa fa go le boitumelo mo go bone go bona mongwe ka bone a diretswe bonno ke Choppies.
Kgosi Gaoonwe o ne a leboga Mopalamente Liakat Kablay go buelela batho ba kgaolo gore ba thusiwe.
Kgosi o ne a gape a lebogela boeteledipele jwa khansele ya Letlhakeng go tlhabolola motse wa gagwe, a supa fa ba dira maiteko a gore ka ngwaga wa 2036, Motswana mongwe le mongwe a bo a na le bonno jo bo siameng.
O kopile Choppies go tswelela e tshwaragane le Batswana ka go ba thusa, a bo a supa fa tiro e ba e dirang e le ntle.
Fa a amogela mpho eo Mme Atlarelang Ramatokwane, o ne a lebogela gore Choppies e mo agetse ntlo, a supa fa a ne a sena fa a nnang teng a nelwa ke dipula le ba lapa la gagwe.
E rile a leboga, mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay, o ne a re e rile fa a kopa thuso go agela ba ba tlhokileng lesego ba mo amogela ka atla tsoo-pedi.
Mopalamente Kablay o ne a tlhalosa fa e se la ntlha Choppies e thusa batho ba kgaolo ya gagwe, a tlhalosa fa ba agile matlo kwa Serinane le Malwelwe, a bo a tlhalosa fa ntlo eo e le ya bobedi go agwa kwa Letlhakeng.
Rre Kablay o ne a tlhalosa fa a kopela batho ba kgaolo ya gagwe dithuso gore a ba tlhabolole. Mopalamente o ne supa fa Modimo a tlaa tswelela a segofatsa madirelo otlhe a Choppies gore ba tswelele ba thusa Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Jul 2024