Breaking News

Ba Seleka ba rarabolola kgang ya bogosi

20 Jun 2024

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o kopile ba lelwapa loo-Rra Makhurumola go bo ba  ntshitse leina la yo o tlaa tsayang bogosi jwa motse wa Seleka mo dibekeng tse tharo.

Rre Autlwetse o ne a ntsha kopo eo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo ka Labobedi.

Se se tla morago ga gore motse wa Seleka o nne sebaka o sena moeteledipele morago ga go tlhokafala ga kgosi ya bone mme ga sala go na le ketsaetsego le dikgogakgogano mabapi le yo o tshwanetseng go nna kgosi.

E ne ya re ka Moranang, ngwaga wa 2022, Rre Autlwetse a ntsha magosi mangwe go dira ditlhotlhomiso tse di tlaa thusang go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa Seleka.

Tona o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa ba lelwapa loo-Rra Makhurumola e le lone le tshwanetsweng ke go tsaya bogosi ka jalo a kopa banni ba motse oo go amogela tshwetso e e tserweng ka jaana seo se dirilwe go setswe morago molao eseng dikeletso le maikutlo.

O ne a kopa banni go beela sepolotiki kwa thoko mme ba sale ditso tsa motse wa bone morago, a tlhalosa fa ba sa tshwanela go kgaoganya morafe ba batla motho o sele ba lebile dikgatlhego tsa bone.

Tona o ne a tswelela a rotloetsa banni go iphapha mo dikgogakgoganong, a supa fa batho ba sa tshwanela go itsiwe ka dintwa ka jaana leina le lentle le itirelwa.

“Ga ke a tla go thuba mme ke tsile go aga. Se re se batlang ke go bona motse wa Seleka o na le kgosi,” Rre Autlwetse a tlhalosa.

Banni ba ne ba amogela ka boitumelo tshwetso e e tserweng ka bogosi jwa bone, selo se se neng sa itumedisa Tonsa Autlwetse ka jalo a lebogela ka fa morafe wa Seleka o amogetseng kgang eo ka teng.

Mongwe wa banni, Rre Kenyaditswe Madidimala o ne a leboga lekoko le le neng le romilwe go sekaseka kgang ya bogosi jwa Seleka a supa fa ba dirile tiro e ntle thata.

Rre Madidimala a re pego e tlhoka go bewa gore e tle e thuse mo nakong e e tlang fa go na le ketsaetsego ya mofuta oo.

Mme Kemmonye Sedie o ne a akgolela tona go bo a kgonne go rarabolola kgang ya bogosi e e neng e ba tsentse tsebetsebe.

Mme Sedie o supile fa jaanong ba na le tsholofelo ya gore mo nakong e e sa fediseng pelo ba tlaa bo ba na le Kgosi.

Fa a leboga, motshwarelela bogosi jwa GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse o ne a supa fa a itumelela ka fa banni ba Seleka ba amogetseng mafoko a ga tona ka teng, ka boitumelo le mowa o le mongwe go supa neelano.  

Mo go tse dingwe, Tona Autlwetse o ne a tlhalosa fa e ne ya re ngwaga o o fetileng ba tsaya tshwetso gore metse ya Seleka, Rasesa, Malete le Tupye e nne e e ikemetseng go tswa mo go Tumasera.

A re metse eo, le yone e tshwanetse go nna le dikgosi mme a tlhalosa fa maemo a tsone a tlaa laolwa ke dipalo tsa morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : SELEKA

Event : Phuthego

Date : 20 Jun 2024