Breaking News

Borukhuthi ga bo robatse kgosi

20 Jun 2024

 Kgosi Chomie Seboni wa Kumakwane a re o tshwenngwa ke borukhuthi jo bo diragalang mo motseng wa gagwe. 

Kgosi o buile se ka Labobedi mo potsolosong, a supa fa go nna gaufi le toropo kgolo ya Gaborone go na le seabe mo koketsegong ya borukhuthi joo. 

A re go na le batho bangwe ba ba senyang mme ba dira tiro eo ka go hirisa matlo a bonno mo motseng wa gagwe mme e re ba sena go senyetsa batho ba rwale dithoto tsa bogodu ba di tlise kwa ba nnang teng. 

O ne a kopa morafe go nna podi matseba fa ba hirisetsa batho boroko ka e se botlhe ba ba boammaruri ka se ba se dirang go itshetsa. 

Kgosi a re bogodu jwa leruo le jone bo bontsi fela thata mo kgaolong ya gagwe mme o kopile barui go tshwaragana le sepodise go bo lwantsha. A re o leboga ba lekalana la sepodise la Kgomo Khumo ba ba mmoleletseng fa ba le mo kgaolong ya bone go ba thusa go tshwara dirukhuthi tse di dirang bogodu joo. 

O kaile fa tshwaragano le mapodise le gone go ba loma tseba go ka thusa go fedisa bogodu jwa leruo, e bile  are tiro ee maswe eo, gantsi e dirwa ke banana ba ba lekaneng go ya go batla ditiro ba babereka. 

O ne a supa fa bodogu bongwe jo bo diragalang mo kgaolong ya gagwe e le jwa go utswa motlhaba, mme gantsi bo dirwa ke batswakwa, ba bereka le Batswana. 

Kgosi Seboni a re ntswa le fa bontsi jwa bone bo tshwarwa, go supa fa dikoloi tse ba di dirisang ele tsa Batswana, mme ele sesupo sa gore ba romiwa go dira tiro e e bosula e. 

O ne a supa fa a sa itumedisiwe ke gore batho bao ba leswafatsa le go kgotela tikologo ka go lathela matlakala mo nageng.

 A re go gasagasa matlakala go felela go ama le lone leruo le le felelang le bolawa ke malwetse ka ntlha ya leswe. 

Kgosi o ne a bua a sa kgwe mathe ka kgokgontsho ya bong e bogolo jang e dirwang ke borre a supa fa seo e le go itiga seriti. 

A re le fa go ntse jalo, kgokgontsho e nngwe e rotloediwa ke bomme bangwe ba e reng ba sena go pega dikgetsi ba bowe ba di folose.

Kgosi Seboni a re bangwe ba dira jalo ka mabaka a tsa botshelo, gongwe rre e le ene a tlhokomelang lelwapa mme seo se pateletse mme go folosa kgetsi gore bana ba kgone go tshela. 

A re sengwe se se mo tshenyang ke dintwa tsa banana bogolo jang kwa maitisong.

Kgosi a re ba setse ba bolokile mongwe wa banana yo o neng a golafala go lowa kwa maitisong mme a felela a latlhegetswe ke botshelo. O kopile banana gore ba inaakanye le mananeo a puso e a ntshitseng gore ba ithamele mebereko le gone go tokafatsa matshelo a bone. 

Kgosi Seboni a re mananeo a puso a mantsi mme a tlhoka batho ba ba ka a salang morago gore batle ba ungwelwe ka one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Kumakwane

Event : Potsolotso

Date : 20 Jun 2024