Lorato le tshwaragano konokono
20 Jun 2024
Mogolwane wa baoki kwa kokelong ya Jwaneng, Mme Tswelelo Sesenyi o rotloeditse Batswana go tshwaragana le go rata ba bangwe go fenya ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS.
Mme Sesinyi o buile se kwa tirelong ya segopotso sa ba ba latlhegetsweng ke botshelo ka ntlha ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS. Tiro e ne e tshwaretswe kwa kgotleng ya Raphalane mo Jwaneng bosheng.
A re Batswana ba tshwanetse ba nna le tshepho ya gore ba ka lwantsha seemo sa mogare wa HIV, fela jaaka ba ne ba dira ka dingwaga tse batho ba neng ba tlhokafala ka bontsi. O ne a kopa botlhe go bopagana le go rata ba ba amilweng ke bolwetse joo, are go dira jalo go ka ba neela nonofo le thata ya go lwantsha mmaba.
O ne a gakolola gape gore lenaneo la go nna le mopati mo go ba ba tsayang diritibatsi le ka thusa gore ba di tseye sentle. “Go nna le mopati mo go lone lenaneo la diritibatsi go thusa gore go nne le boikarabelo le ene yo o ka botsang gore o ntse o tsamaya jang. Fa re gakologelwa lenaneo le la mopati le re thusitse thata mo dingwageng tse di fa morago ka nako e batho ba neng ba latlhegelwa ke matshelo ka bontsi.”
Mo godimo ga moo, Mme Sesinyi a re e re ntswa e le tshwanelo go gakologelwa ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya HIV/AIDS, go botlhokwa gore ba santseng ba tshela le bone ba ikanoke gore ba seka ba tsamaya ka tsela e e tshwanang. A re batho ba ba iphitlhelang ba na le mogare ba nne le tsholofelo ka jaana diritibatsi di le teng go thusa mongwe le mongwe.
Fa a tswa la gagwe, moruti wa Pentecostal Holiness Church, Rre Mothusinyane Molefhe a re Batswana ba tshwanetse go boela kwa marakanelong a ditsela ba gakologelwe setho sa bone. A re setho ke sone se se ba tshegeditseng ebile se ba hapha mo ditseleng tse di sa siamang. “Motho ke letlotlo le le sa busediweng fa le tsamaile, jaanong a re babaleleng matshelo a rona.”
Rre Molefhe a re go gopola ba ba latlhegetsweng ke matshelo go tshwanetse gape ga gakolola matshego a ba tswang kgakala ba ikaegile ka one a thibelo kanamo ya mogare a go ikgapha, go ikanyega le gone go dirisa sekausu. A re go ngomola pelo gore batho ba bo ba tsaya tlhakanelo dikobo motlhofo ebile ba sa fe mebele ya bone seriti.
Kgosi Segale Letshele o ne a kopa borre go nna boikanyego le go tsaya boikarabelo jwa bone ka tlhwaafalo jaaka ditlhogo tsa malwapa. A re boitshwaro jwa borre ke jone seikokotlelo sa malwapa jaaka e le bone baeteledipele.
A re go nna le bakapelo ba bantsi go tsenya matshelo a batho ba le bantsi mo diphatseng ebile go na le seabe mo go thubeng malwapa, selo se a reng se tumile thata mo toropong ya Jwaneng. O kopile batsadi go nna sekao mo baneng ka go fetola maitsholo gore ba tlogele motlhala o o eletsegang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Segopotso
Date : 20 Jun 2024