Breaking News

Puso e tlaa aga mapegelo a nakwana

19 Jun 2024

Puso e ikaelela go tlhoma mapegelo le mafolosetso a dithoto kwa Mosetse go santse go emetswe kago ya seporo se se tlaa bong se tswa Livingstone se feta ka Kazungula.

Fa a buisa phuthego kwa Nata bosheng go lekodisa banni ka fa kago sesha ya tsela ya A3 e tsweletseng ka teng, tona wa Dipalamo le Ditiro tsa Setshaba, Rre Eric Molale o ne a re tsela ya A3 e na le mosuke o montsi wa dikoloi tsa megobagoba tse di fetelang Afrika Borwa le Afrika ka bophara.

A re megobagoba e e gakatsa tshenyo ya tsela le dikotsi tse di masisi, ke sone se a laetseng badiri ba lephata la gagwe gore ba kopane le balekane ba bone kwa Zambia ba tlhome mapegelo kwa Mosetse go emetswe kago ya seporo. 

A re kago e, e tlaa bo e dirisiwe e le mafolosetso le mapegelo a dithoto a megobagoba e e tswang Afrika ka bophara le Afrika Borwa. 

A re go dira jalo go tlaa fokotsa dikotsi tse di bakwang ke letsapa le le feteletseng mo bakgweetsing ba megobagoba ba ba kgweetsang dikgala tse ditelele ba sa ikhutse.

Tona o tlhalositse fa lephata le setse le gatetse pele e bile go beilwe monwana tumalano (MoU) le ba Zambia. 

Mo godimo ga moo, o boleletse banni gore puso e utlwile selelo sa Batswana mabapi le dithendara tse di abelwang dikhamphani tsa Batswakwa, tse dingwe tsa tsone di shankodisang tiro di be di le botsa phokoje. 

Ka jalo a re lephata le ikaegile sesha e bile ditiro tsotlhe tsa puso di tlaa bewa leitlho ke Development Managers ba mo gae. 

A re ba tlaa bo ba le diforomane mo ditirong tsotlhe, a tlatsa ka go re tsela ya A3 e e tswang Nata e ya Maun e tlaa bo e dirwa ka fa tlase ga HSNV Group e eteletswe pele ke Rre Boikhutso Ramahobo.

Rre Molale mo ngwageng ono wa madi lephata le tlaa dira ditiro tsa P13 billion go ralala lefatshe leno. 

A re mo ditirong tse go na le megolagang ya ditsela, dikokelo go balelwa le ya Kasane le e ntsha ya Tutume, e e tlaa bong e beilwe leitlho ke Okavango Africa Consortium.

A re tiro ya bo Development Managers ke go fefosa ditiro le gore di dirwe ka madi a a neng a beilwe. Fa a amogela baeng, Kgosi Justice Ntuane wa Nata o ne a kopa tona gore go nne le tsela ya dikoloi tse di tsamayang di pabile mo dikgorong tsotlhe go tswa Francistown, Maun le Kasane. A re go dira jalo go tlaa fokotsa mosuke mo bogareng jwa motse.

Fa a akgela, Tona Molale o ne a laela ba ba dirang molao go tsenya mapegelo mo dikgorong tsotlhe tsa motse, a re o solofela fa moeteledipele wa tiro e leng Development Manager le ene a sutisitse jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : NATA

Event : Phuthego

Date : 19 Jun 2024