Thuo Letlotlo e ka namola Batswana leuba
19 Jun 2024
Lenaneo la Thuo Letlotlo le ka tokafatsa matshelo a Batswana.
Fa a buisa Ntlo ya Dikgosi mo Gaborone ka Labobedi, Mogokaganyi wa lenaneo, Rre Onkemetse Mathemabe, o ne a re lenaneo le na le tsamaiso e e lolameng e e thusang baikopedi go simolola ka P40 000.
Rre Mathemabe a re lenaneo le thusa le ba dikoporasi go tlhatlosa madirelo a bone ka di dikadike tse pedi le go feta.
A re lenaneo le na le mothale wa dikatso tse di fiwang baikopedi fa go bonala gore ba ntsha maduo go ya ka tshekatsheko ya dibuka tsa tsamaiso.
O ne a bo a re go na le ditlhopha tse di supilweng ke lenaneo go nna tse di fiwang P100 000 jaaka bomme, ba-na-le-bogole le ba tengnyanateng go tokahatsa matshelo a bone.
O ne a re ba ditlhopha tseo ba fiwa dikgomo tse nne mme e le ba seemo se se kwa tlase. Rre Mathemabe o tlhalositse fa baikopedi ba le 60 000 ba tlaa akolang lenaneo ka karolo ya ntlha mme ba le 20 000 bone e le ba karolo ya bobedi.
O tlhalositse fa ba karolo ya ntlha le ya bobedi ba tlaa tseelwa leruo e le mafisa go neela ba ba simololang go tsena mo lenaneong.
Rre Mathemabe a re go na le ntlha e e thusang ka go agela baikopedi matlwana a boitiketso ka go lemosegile gore bontsi ga bo na nao.
O ne a re se, se tlhotlheleditswe ke go lemoga ha bolwetsi jwa mabele bo amile nama ya kgomo mme bogolo go amile dithekiso tsa nama kwa mmarakeng wa Europa.
A re go nale ba ba tlaa fiwang dithuso tsa P60 000 e le ba ba botlana.
Rre Mathemabe o supile fa lenaneo le akaretsa thuo yotlhe ya losika loo nonyane, kgomo, pudi, kolobe le ditonki tota.
O ne a re baikopedi ba tlaa dirisa maranyane go dira dibuka mme a tlatsa ka gore go nale Tshireletso (insurance) e e kgaogantsweng ka dikarolo tse di harologanyeng go ya ka dithuso.
O ne a re baikopedi ba rotloediwa go tla ka lenaneo la dingwaga tse di lesome le sesupo sa kadimo ya lefatshe la thuo. Rre Mathemabe o ne a re lenaneo le phuthulolotswe kwa bankeng ya Botswana Savings Bank le Botswana Building Society go hokotsa mosuke kwa National Development Bank.
A re lenaneo le ka akolwa ke Batswana hela mme ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya ka godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gontle Merafhe
Location : Gaborone
Event : Ntlo Ya Dikgosi
Date : 19 Jun 2024