Baithuti ba akola paka ya sekole
18 Jun 2024
Okavango Diamond Company (ODC) e abetse baithuti botlhe ba sekole se sebotlana sa Mogome paka ya sekole e e feletseng.
Dilwana tseo, tse di lopileng P273 000 di akaretsa ditlhako, dijesi, dikausu, dihempe le paka ya mariga ya sekolo di tla akolwa ke baithuti ba le 182.
Fa a rola paka kwa Mogome bosheng, mogolwane go tswa kwa khamphaning ya ODC Mme Sethunya Molosiwa a re ntswa le fa ba rekisa diteemane tsa lefatshe la Botswana, ba itlamile go rotloetsa setshaba ka fa ba kgonang ka teng.
Ka jalo, botsalano jwa bone le sekole sa Mogome ke nngwe ya maitlamo ao.
O tlhalositse fa sekole seo, se ne sa ikopela go thusiwa ka letsatsi la kabo dimpho, mme khamphani ya bona go le maleba go dira go feta seelo se sekole se neng se se ipeetse mo kopong ya bone.
A re tshwetso ya bone, e ne ya nna gore ba rotloetse moithuti mongwe le mongwe gore go se nne le ope yo o tlogelwang kwa ntle, ke ka moo ba neng ba rulaganya go ba abela paka ya sekole.
Mme Molosiwa a re mpho ya paka ya sekole e maleba ka e tsile ka kgwedi ya Seetebosigo e go ipelelwang letsatsi la ngwana wa mo Aferika ka yone.
O supile fa thuto e gwetlha gore ntle le gore ngwana a bo a na le morutabana le ntlu ya borutelo, o tshwanetse a nna le ditlamelo tsotlhe tse di rotloetsang gore a gaise e bile a kgatlhise.
A re paka eo, e tla a fa baithuti seriti, botlhe ba ipona ka go lekalekana e bile gape ba na le maikutlo a a wetseng fa ba tla sekoleng.
Mme Molosiwa a re ba na le tsholofelo ya gore mpho eo, e tlaa thusa go fetola maduo a sekole go nna a a nametsang.
O tlhalositse fa khamphane e dumela gape mo go rotloetseng dikgwebo tse dipotlana, are ke ka moo paka ya sekole e rokilweng yotlhe ke khamphane ya Motswana.
O kgothaditse baithuti go itoma molomo wa tlase mo dithutong tsa bone, a supa jalo gore thuto ke maatla e bile e ka fetola matshelo a bone.
Fa a amogela mpho eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Rre Batho Letloa a re puso ga e kake ya kgona e le nosi, ka jalo go le botlhokwa go tshwaragana le batsaya karolo ba tshwana le ODC.
A re lephata la thuto mo kgaolong ya Palapye le okametse dikole di le 51 e bile le lebogela maiteko a ODC, ka mpho ya paka ya sekole e le maleba thata.
O ne a rotloetsa ODC go tswelela mo mosepeleng wa bone le sekole sa Mogome, mme a ba kopa go atlolosetsa letsogo kwa dikoleng tse dingwe.
O tsweletse ka go supa fa baithuti ba sena seipato mo go direng bontle mo dithutong tsa bone, are mpho eo, ke thotoetso e kgolo thata.
Mogokgo wa sekole, Mme Mmadikeledi Ramokununu o lebogetse mpho, a ba a solofetsa ODC gore batla a dira ka natla go tsholetsa maduo a sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Mogome
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Jun 2024