Breaking News

Badiragatsi ba kgothadiwa go ikemela

18 Jun 2024

Mogolwane kwa lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao kwa Tsabong, Mme Dintle Kenosi a re dipalo tsa badiratsi ba ba tsayang karolo mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa dikgaisano tsa botaki le bodiragatsi di gola ngwaga le ngwaga.

Mme Kenosi a re badiragatsi ba tshwanetse go fokoletsa puso ditshenyegelo, a ba gwetlha go atla lenaneo la ga Tautona la Mindset Change.

O kaile fa lephata jaanong le tlaa simolola go thusa fela badiragatsi ba ba sekgala se se fetang 100km ka dipalamo ka nako ya dikgaisano.

Mme Kenosi o buile se kwa kwa Tsabong ka Matlhatso, kwa dikgaisanong tsa moopelo wa dinnoto, mogolokwane, poko ya sekgoa le setswana tsa kgaolo ya Bophirima, e e akaretsang Ghanzi, Hukuntsi, Charleshill le Tsabong.

O supile fa maikaelelo magolo a dikgaisano e le go epolola ditalente, go sireletsa le go tsosolosa dingwao tsa Botswana tse di farologaneng le go godisa mhama wa bodiragatsi, go thusa go godisa itsholelo.

A re badiragatsi ba tshwanentse go itllhabolola ka go dira maitiso ka seo se ka thusa go ngoka setshaba, go ithekisa le go dira letseno, go na le go emela dikgaisano tse fela tse di tshwarwang gangwe mo ngwageng.

Mme Kenosi o supile fa go simolodisitswe lekgotla la National Arts Council ngwaga o o fetileng le e leng lone le tlaabong le bereka le badiragatsi.

A re ba tshwanetse go ikgolaganya le bone ka le tlaa bo le na le ditsamaiso le ditirelo tsa lone le ka fa le tlaa berekeng le badiragatsi ka teng e le tsela nngwe ya go imolola puso.

Camel Choir go tswa Tsabong e ne ya itlhoma kwa pele ka tshoboko ya maduo mo dipineng tsa Standard Song le Lerabi ka dintlha di le 143, ba longwa serota ke Bonatla MD Choir go tswa Makopong ka 129 mme maemo a boraro a ikgapelwa ke Bana ba Pina ka dintlha di le 121 le bone e le ba Makopong.

Mo dikgaisanong tsa mogolokwane, Mme Mari Kapeko wa Tsabong o ne a tsaya maemo a ntlha a latelwa ke Mme Keganamang Baputlele wa Ghanzi fa maemo a boraro a ikgapetswe ke Mme Mmamogopo Dipitse wa Charleshill.

Rre Moabi Itaoleng wa Khuis mo pokong ya Setswana (Traditonal Poetry) o gapile maemo a ntlha, a bobedi a ya kwa go Rre Puseletso Kgaogano go tswa Charleshill fa Rre Bolokang Hiri wa Lokgwabe a tsere a boraro.

Mo pokong ya sekgoa (Contempory Poetry) Mme Nathasha Maruping wa Tsabong o gapile maemo a ntlha, a bobedi a ya kwa go Mme Loago Seonewang go tswa Hukuntsi fa Mme Gaone Sebonaphe a ne a bona a boraro mme e be e le wa Kokotsha.

Moopedisi wa Camel Choir, Rre Enerst Tities o tlhalositse fa maikalelelo a bone e le go ipaakanya diphoso go tlhomamisa gore ba ikgapela bo mmampudi kwa makgaolakgannyeng.

Moatlhodi mogolo mo dipineng tsa Choral, Rre Oarabile Bafitlhile ene o supile fa ditlhopha di dirile ka botswerere bogolo jang mo pineng ya Lerabi mme a ba kgothatsa go ipaakanya mo go nyalaneng ga mantswe gore pina e utlwale.

Rre Bafitlhile yo gape e leng morulaganyi wa dipina tsa dinnoto mo BTV o ne a ba gakolola gape go simolola go itlwaetsa go dira maitiso ba laleditse diopedi tse dingwe go itirela letseno go na le go ikaega fela ka puso ka go dira jalo go tlaa ba thusa go itlhabolola le go ikgodisa.

Moatlhodi mo letlhakoreng la poko, Rre Khumo Mokano o gakolotse ka botlhokwa jwa go ikatisa nako e sa le teng, go ithuta go kwala maboko gore ba rulaganye ka fa go tshwanetseng ka teng le go supa poko ka kapari ya Setswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Dikgaisano

Date : 18 Jun 2024