Breaking News

Bodiredi bo tlhagisitswe go nna le kelelelo ka tiriso ya madi

17 Jun 2024

Bodiredi jwa Khansele  ya Bokone Botlhaba bo tlhagisitswe go nna le kelelelo mo tirisong ya madi. 

Ka madi e le selo se se botlhokwa mo go thuseng motho go fitlhelela matlhoko le maele mangwe a botshelo, bodiredi jwa khansele eo bo tlhagisitswe go nna kelelelo, go netefatsa gore ba a dirisa mo dilong tse di ka ba isang golo gongwe mo botshelong.

Fa a a bua kwa ithutuntshong e e neng e rulagantswe ke komiti ya botsogo ya khansele eo bosheng, mookamedi wa lekalana le le itebagantseng le bogakolodi jwa tiriso ya madi la Calvin Investment, Rre Calvin Phokontsi o ne a lemotsha bodiredi botlhokwa jwa go boloka madi.

A re go boloka madi le go beeletsa mo mhameng mengwe go botlhokwa thata ka jaana go ka ba tlodisa melatswana mo nakong ya ba sena go tlogela tiro, a tlatsa ka gore tiriso ya madi e laolwa ke setho sa motho, go sa kgatlhalesege gore o amogela bokae. 

A re bangwe ba na le go dirisa madi mo dilong tse di sa tlhokafaleng, mme go felele go ba tsenya mo dikolotong tse di felelang di ba senyetsa bokamoso.  

A re go nna le dikoloto tse di feteletseng go ka baka gore motho a nne le khuduego ya maikutlo, selo se a boletseng se ka bakela motho malwetse a tshwana jwa madi a matona le go baka kwelo tlase ya maduo mo tirong.

A re ditshekatsheko di supa fa bontsi jwa badiredi ba dirisa madi mo go feteletseng ka nako ya bone ya fa ba se kwa ditirong, a re mme ke yone nako e ba ka bong ba e dirisa go inaakanya le sengwe se se ka ba direlang letseno go na le go ikanya fela madi a kamogelo.

O ba gakolotse go itekanya morwalo, a re ga go a lebana gore motho a nne le dikoloto tse di kwa godimo ga letseno la gagwe.

Rre Phokontsi a re go botlhokwa gore motho o iphuthe metlhala fela ka letsatsi la ntlha a simolola tiro, ka maikaelelo a go nna malala a laotswe ka nako ya go tlogela tiro.

A re go dira jalo go thusa gore motho a amogele seemo fa tiro e ka khutla pele ga nako e a neng a e solofetse, ka go a bo go na le sengwe se a ka itshegetsang ka sone. 

O ba gakolotse go tlhaloganya fa ba le mo majakong mo ditirong tse ba leng mo go tsone, ka jalo go le botlhokwa go itsolopanya ka gotlhe mo ba ka go kgonang go itsa go thanya lomapo lo le tsebeng.

Rre Phokontsi o ne a re ba seka ba tlalelana mme ba amogele seemo fa nako ya go tlogela tiro e gorogile le ntswa ba sa kgona go fitlhelela tse ba neng ba di solofetse. 

O bile a ba itsise fa “Ke tlaa a le lobelo”, ka jalo ba sa tshwanela go nna ba seegela kwa thoko mananeo a a ka ba isang golo gongwe mo botshelong. 

Rre Phokontsi o ne a tlhaba bodiredi podi matseba go batla metlhala mengwe ya go dira letseno, a supa fa metlhala ya khumo e le mentsi mme go le mo maruding a bone go ema ka dinao ba e latedisa. 

A re ba ka itirela dikgwebo le gone go sola molemo mananeo a tshwana Chema Chema, Thuo Letlotlo, Temo Letlotlo le a mangwe, go godisa matshelo a bone.

O gwetlhile bodiredi joo, gore e re ba santse ba le mo botshelong ba kwale ka fa ba eletsang boswa jwa bone bo ka kgaogangwang ka teng go itsa go tseelwa ditshwetso mo phularong ya bone.

Mo mafokong a gagwe a pulo semmuso ya ithutuntsho eo, mothusa mokwaledi wa Khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Uyapo Mafunye o lebogetse barulaganyi ba dithuto tseo, a re di tlaa thusa babereki go itshekatsheka mme ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, segolo jang mo ntlheng ya tiriso ya madi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Ithutuntsho

Date : 17 Jun 2024