Epang motlhaba ka tekanyetso
17 Jun 2024
Dikgosi tsa Mmadinare, Robelela le Tobane di ntshitse matshwenyego ka batho ba ba epang motlhaba kwa nokeng ya Motloutse.
Se, se tla morago ga thuto seka dipuisanyo e e neng e diretswe dikgosi le badulasetilo ba metse e e welang ka fa tlase ga lephata la kabo ditsha la Mmadinare.
Maikaelelo magolo a thuto seka dipuisanyo e ne e le go amogana maele ka dikgang tsa tikologo ka e le bone baanelwa bagolo mo tsamaisong le merero ya lefatshe.
Kgosi Tlhako Motlhasedi go tswa Tobane o tlhalositse fa matshelo a batho ba Tobane a ikaegile thata ka noka ya Motloutse ka e le gone kwa ba nosang leruo teng.
Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa ba tswa kgakala ba ikuela kwa go ba lephata la tshomarelo tikologo ka go tlhoka go epa motlhaba ka kelelelo mo go setseng go babaletse noka.
O tlhalositse fa noka e sa tlhole e tshwara metsi lebaka le leleele mme se se babaletse ditlhare le diphologololo tse di tshelang mo nokeng.
Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa a tshwenngwa ke go bo batho ba ba neetsweng boikarabelo jwa go aba diteseletso tsa go epa motlhaba ba sa latedise gore a go tsewa motlhaba ka fa go dumalanweng ka teng mo teseletsong.
A re barui ba Tobane ba ne ba itiretse masaka a ba nosang kwa go o ne mme a setse a wetse ka lebaka la go epa noka go fetisa seelo se se beilweng.
O tlhalositse fa barui ba le mmalwa ba setse ba latlhegetse ke leruo ka ba ba epang motlhaba ba tlogela mahuti a a bakang gore leruo le wele mo teng. A re o tlhaloganya gore bangwe ba itshetsa ka go epa motlhaba mme keletso ke gore o epiwe ka kelelelo jaaka teseletso e rebola.
Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa morero go tswa kwa maphateng a a maleba o santse o tlhaela mme ke ka moo morafe o nnang le dipelaelo tsa gore batho ba ba epang motlhaba baabo ba sena diteseletso, mme a kopa gore e re fa gona le mongwe yo o neetsweng go dira tiro ya go nna jalo, a itshupe kwa morafeng gore e re a sa dire sentle go nne le kwa ba ka mmonang teng.
Kgosi Galeage Hollard wa Mmadinare le e ne o ne a kopa ba maphata a a neetsweng boikarabelo jwa go tlhokomela dinoka go nna ba sekaseka gore motlhaba o teng pele ba neela batho diteseletso.
Kgosi Hollard a re go tlhoka morero le morafe go dira gore e nne o kare dikgosi ga di na boikarabelo ka go le gantsi ba sena dikarabo tse ba ka di neelang morafe.
E rile a tswa la gagwe, Rre Kgotla Phale go tswa kwa go ba lephata la tshomarelo tikologo, a tlhalosa fa ba itse ka selelo sa magosi mabapi le kepo e e sa babalesegang ya kawa nokeng ya Motloutse.
Rre Phale o tlhalositse fa maikarabelo a bone e se go aba diteseletso tsa kepo ya motlhaba mme ba itebagantse le go tlhomamisa gore tikologo ga e kgotlelesege.
A re e le ba lephata la tshomarelo tikologo, tiro ya bone ke go tlhomamisa gore tiro e e dirwang ga e babalele tikologo le go ama batho ba ba mo tikologong ya go nna jaana.
O kaile fa go na le melawana e e tlhalosang gore motlhaba o tshwanetse go tsewa jang, a re mo o fitlhelang go epilwe noka go felela go e bolaya boleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Thuto seka dipuisanyo
Date : 17 Jun 2024