Tlhokomelang tikologo - mogolwane
11 Jun 2024
Mogolwane mo lephateng la tikologo kwa khanseleng ya Bobirwa, Mme Tatlhego Tapiso o gwetlhile setshaba go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela tikologo, go itsa kgotlelesego.
Mme Tapiso o buile se kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la tshomarelo tikologo kwa Damuchojenaa ka Labotlhano.
A re go botlhokwa gore e re ba le mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba tlhomamise gore se ba se dirisang ga se leswefatse tikologo.
Mme Tapiso o tlhalositse fa khansele ya Bobirwa e na le kgwetlho ya go latlhelwa gongwe le gongwe ga matlakala bogolo jang mo ditseleng mme a tlhalosa fa se, se baya matshelo a batho le a leruo mo dipahatseng tsa go tsenwa ke malwetse.
A re go latlhela matlakala gongwe le gongwe go borai mo matshelong a batho le diphologolo ka lweswe le felela le kgotlela metsi a a nowang ke batho le diphologolo.
Mme Tapiso a re, mhama wa thuo ke mongwe wa e e di gogang kwa pele mo go tsosoloseng itsholelo ya lefatshe ka jalo, a ba kgothatsa go seka ba dira sepe se se ka felelang se ama boleng jwa nama ya Botswana.
A re tikologo e e kgotlelesegileng e felela e bolaya ditlhare le diphologololo tse le tsone di nang le seabe mo itsholelong ya lefatshe. Mme Tapiso a re tikologo e e sa kgatlheng e ka dira gore bajanala ba felele ba sa kgatlhegele go tla mono.
O tlhalositse fa mo nakong tse di fetileng go ne go itsewe paka ya dipula mme seo se sa tlhole se diragala ka lebaka la go kgotlela tikolo.
A re go tshuba matlakala ke sengwe sa tse di bakileng seemo sa go nna jaana le go bakela batho makoa a mafatlha.
Mme Tapiso a re, go itebaganya le go lwantsha kgotlelesego ya tikologo, khansele e ne ya ipeela ditsetlana tse ka tsone di tlaa tlhomamisang gore di sireletsa tikologo, nngwe ya tsone e le go rotloetsa lelwapa lengwe le lengwe go nna le thini e e latlhelang matlakala mme khansele e bo e a tsaya mahala selekanyo sa ngwaga.
O kgothaditse banni ba Damuchojenaa go fetola ka fa ba tshwarang matlakala ka teng, a re fa ba ka dira jalo matlakala a ka ba direla madi.
Kgosi Motsholetsi Kebalepile wa Damuchojenaa o tlhalositse fa morafe wa gagwe o itse go tlhokomela tikologo, a supa fa go se motlhofo go bona motho a rema setlhare a re o dira dikgong le fa ba itse fa di ka ba direla letseno.
Banni ba ne ba abelwa ditlhare di le lekgolo le masome a mararo le borataro, go di lema kwa malwapeng a bone.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DAMUCHOJENAA
Event : Tsa tikologo
Date : 11 Jun 2024