BPF e tsosolosa kgaolo ya Palapye
11 Jun 2024
Mogolwane wa ipapatso wa phathi ya Botswana Patriotic Front (BPF), Rre Phagenyana Phage a re ba ikemiseditse go bereka le diphathi tse dingwe tsa kganetso mo ditlhophong tsa mono ngwaga.
Rre Phage yo o neng a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwerwe mo Palapye ka Tshipi, a re ba ipapanne ka borre le bomme ba motia mo phathing ya BPF ba ba ititeileng dihuba go lwela lefatshe la bone.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa BPF, Rre Mephato Reatile a kopa maloko a phathi eo go ema ka dinao go tsosolosa kgaolo ya Palapye.
Rre Reatile a re ba tsena mo dinakong tse di thata tse di tlhokang gore mongwe le mongwe a eme ka dinao go bapatsa phathi.
A re maikaelelo a bone ke go tsaya puso, ke ka moo ba simolotseng go semelela ba bapatsa le go tsosolosa phathi.
Rre Reatile a re ba ka kgona se fela ka go ngokela maloko mo phathing ya bone gammogo le go tsosolosa dikgaolo tse di saletseng kwa morago.
Rre Reatile a re Batswana ba ikwadiseditse ditlhopho gore ba tle ba tlhophe. Mothusa moeteledipele wa phathi eo, Dr Joy Muzila a re ba semeletse ba ipaakanyetsa ditlhopho.
Dr Muzila a re bomme ke bone ba tshabelelwang ke lehuma, ka jalo a re ke nako ya gore ba tsene ntlo le ntlwana ba lwele maemo mo pusong.
O kgothaditse maloko a phathi go senka moloko a bone a a timetseng gammogo le go ipapatsa mo go mashetla.
Dr Muzila o ba gakolotse gore ba seka ba tsiediwa ke ope ba eme ka dinao ba lwele phathi ya bone gore ba tle ba fenye ditlhopho tse di tlang.
A re ba boloditse letsholo le le mashetla la go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang ka kgwedi ya Phalane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 11 Jun 2024