Ntwa kgatlhanong le ditagi e tlhoka tshwaragano ya botlhe-Pule
11 Jun 2024
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o ikuetse kwa setshabeng go lwantsha le go emisa tiriso ya ditagi. A re tiriso ya ditagi e tsere phekelo e sele, mme go kekela moo go ama botsogo le matshelo a batho ka kakaretso.
Rre Pule yo gape e leng Mothusa Tona wa Lephata La Dikgaolo le Tlhabololo Magae a re go botlhokwa gore setshaba se nne seopo sengwe go ema kgatlhanong le tiriso ya ditagi le go iphitisa nnoagi mo go dirwang segolo bogolo ke banana
O buile jalo kwa bokopanong le baithuti ba sekole se segolwane sa Madikwe jo bo neng bo rulagantswe ke phuthego ya kereke ya Dutch Reformed Church kwa Mmathubudukwane go tsibosa baithuti ka bodiphatsa jwa nnotagi.
Rre Pule a re go botlhokwa gore batsadi, dikereke le maphata a a ikemetseng ba nne bontlha bongwe jwa tharabololo e.
Ka jalo o lebogetse phuthego ya kereke ya Dutch go nna le seabe mo go ageng setshaba, a ba a rotloetsa setshaba go ema nokeng maiteko a a dirwang ke ba Dutch a maikaelelo a one e leng go emisa tiriso botlhaswa ya ditagi le diritibatsi e e ileng magoletsa lefatshe ka bophara. A re le ntswa puso e amilwe ke manokonoko a bolwetse jwa COVID-19, e dira ka bojotlhe go netefatsa gore batho ba ba amilweng ke tiriso ya ditagi le diritibatsi ba bona thuso e e maleba.
O tsweletse a supa fa ditshenyegelo tsa go thusa ba ba amilweng ke tiriso ya ditagi di le kwa godimo, seemo sea tlhalositseng fa se busetsang morago lenaneo la go dira ditlhabololo tse dingwe tsa botlhokwa.
Rre Mabuse a re go dira ka tshwaragano go bopa tshaba e e nang le boikarabelo, e e kgonang go fapoga ditsela tse di gogelang tlhaelong, ka jalo puso e nne le madi a a lekanyeng go oketsa ditiro tsa ditlhabololo go tokafatsa matshelo a batho ka kakaretso.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Thari Balebetse wa Mmathubudukwane o supile fa motse wa gagwe o amilwe thata ke tiriso botlhaswa ya ditagi le diritibatsi, a re bontsi jwa ba-tswa-setlhabelo e le baithuti.
Kgosi Balebetse o gakolotse baithuti go ikgapha mo tirisong ya nnotagi le ditagi go babalela isago ya bone. A re ditagi di apesitse lefatshe kobo ka letshoba, ka jalo go le maleba gore batsadi e nne matlho a mapodisi fa ba lemoga mafelo kgotsa malwapa a a ka tswang a rekisa ditagi le diritibatsi.
O tsweletse a supa fa tiriso ya diritibatsi le ditagi e rotloetsa borukuthi le dikotsi tsa tsela tse di ileng magoletsa mo motseng wa gagwe.
O kgadile mokgwa wa batsadi wa go ikakanyetsa ba le nosi ba sa akanyetse setshaba ka go rekisa ditagi ba lebile gore ba dire letseno mme ba sa lemoge fa ba senya matshelo a batho.
Kgosi Balebetse o gakolotse batsadi go nna le botsalano le bana ba bone, ga mmogo le go ela thoko tse di dirwang ke bana gore ba ba kgalemele ka nako. Mogolwane wa mapodisi Superintendent Mmoloki Mogale o lebogetse seabe se kereke ya Dutch mo go tsiboseng setshaba ka bodiphatsa jwa tiriso ya ditagi le diritibatsi.
Setswana sa re ‘moroto wa esi ga o ele’, ka jalo ke akgola botlhe ba ba emeng puso nokeng go leka go lwantsha mmaba wa tiriso ya nnotagi phetelela. “Tiriso botlhaswa ya diritibatsi e ama mongwe le mongwe, ka jalo ke maikarabelo a rona go netefatsa gore e a fokotsega,” ga bua jalo Supt Mogale.
O tsweletse a re go dirisa ditagi phetelela go tsisa mathata a le mantsi mo setshabeng a tshwana le dikotsi tsa ditsela ka gore kelelelo ya mokgweetsi abo e fokotsegile mme seo se bake dintsho.
Supt Mogale a re ka ngwaga wa 2022 go gatisitswe dikgetse di le nne tsa batho ba ba fitlhetsweng ka motokwane ba dingwaga tse di 18 go ya go tse di 25, fa ka 2023 go gatisitswe di le lesome le ele nngwe e amang ngwana yo o kwa tlase ka dingwaga tse 18. O supile fa go tsamaisiwa ga ditagi ke bana e le sengwe se ba ntseng ba sa se belaele, a supa fa jaanong ba tlaa tswa letsholo go emisa mokgwa o.
Moemedi wa kereke ya Dutch kwa Mmathubudukwane, Mme Jennifer Sebowe a re ba tlaa tswelela ba dira jalo go thusa go sireletsa le go tokafatsa matshelo a batho ka kakaretso.
Mme Sebowe a re bagolo ba kereke ba tshwentswe ke tiriso botlhaswa ya ditagi le diritibatsi mo bananeng ba metse ya dinokeng, mme ba bona go le botlhokwa go tshwara thuto-seka-dipuisanyo e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : Bokopano
Date : 11 Jun 2024