Khansele ya Tonota e simolodisa lenaneo la go tlhokomela bana
11 Jun 2024
Khansele ya Tonota e simolodisa lenaneo la go tlhokomela bana go netefatsa gore bana ba kgaolo eo ba golela mo malwapeng a a itekanetseng.
Modiri wa tsa boipelego mo khanseleng eo, Mme Kedirileng Moseki, a re go na le thulaganyo ya foster care, e mo go yone mogolo a nnang le ngwana ka nakwana ka lebaka la gore kwa lapeng ga a a babalesege, mme e le ka Taolo ya lekgotla la ditsheko la bana ka molao wa (Children’s Act).
O bile a re go nna le ngwana ka nakwana go diretswe go fa ngwana tlhokomelo batsadi ba santse ba thusiwa go ipaakanya kgotsa go thusa ngwana go feta mo diemong tse di thata tsa botshelo.
Mme Moseki a re khansele ya Tonota e aparetswe ke mathata a go itlhokomolosiwa ga bana. A re go na le malapa a a sa tlhokomeleng bana mo o ka fitlhelang lesea la dikgwedi tse di robang bongwe le tlogetswe le le nosi.
O bile a tlhalosa gore go itlhokomolosa bana go kgona go dira gore ba tshabelelwe ke dihawa tsa bo go thubediwa le go thopiwa. Mme Moseki a re kgaolo ya Tonota e kwadisitse dikgang di le 53 tsa bana ba ba thubeditsweng, di le 100 tsa ba ba dirisitsweng botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le tse 13 tsa go itlhokomolosiwa ga bana.
Modiredi wa Childline Botswana, Mme Seitebatso Kegakilwe, a re gore motho a nne motlhokomedi wa nakwana, o tshwanetse go bo a na le dingwaga tse 21 kgotsa go feta, a ise a ko a bonwe molato ope wa borukutlhi, a itekanetse mo moweng, mo mmeleng le madi a na le one, a na le boitshwaro jo bontle mo setshabeng.
Mme Kegakilwe o bile a tlhalosa fa batlhokomedi ba nakwana e le baithaopi ba ba itetlileng go fa ngwana tikologo e e mo tlamelang, selo se se seyong kwa lapeng la gagwe la tlholego.
A re motlhokomedi o tshwanetse go dumalana le go tlhofofatsa go boela lapeng ga ngwana fa nako e goroga e bile o tshwanetse go itetla go katisiwa mo go tse a sa di itseng.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Kite Mose-Nkala wa Motor Vehicle Accident Fund o rile thulaganyo e ya Tonota ke kgato e kgolo ya go thusa setshaba go tshwaraganela go godisa bana ka lorato mo tikologong e e ritibetseng. A re Batswana ba tswa goo Lowe ba ntse ba dira jaana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TONOTA
Event : Tlhaloso
Date : 11 Jun 2024