Breaking News

Ba kopiwa go tsena ditiro tsa motse botlhe

11 Jun 2024

Kgosi Philip Galeatle wa Serinane o kopile batho ba motse wa gagwe go tsenelela ditiro tse di dirwang kwa motseng oo botlhe.

 O kopile jaana ka Tshipi fa a amogela baeng kwa segopotsong sa batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya bolwetse jwa AIDS.

Kgosi o ne a tlhalosa gore fa tiro e direlwa mo motseng wa gagwe e direlwa banni ba motse oo. Ke sone se go leng botlhokwa gore ba e tsene ka mashetla.

O ne a tlhalosa fa a itumeletse gore ba ne ba tlhola ba itshidila ka metshameko ya kgwele ya dinao le bolo-tloa. Kgosi Galeatle o ne gape a kopa badirelapuso gore fa ba dira tiro ba tsenye marapo dinamemg, a supa fa a sa kgatlhwe ke tiro e e direlwang fa go sa kgatlheng teng.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi, Moruti Kopore Oabile o ne a supa fa letsatsi le le beilwe ke puso mme le dirwa lefatshe lotlhe, ka lesego motse wa Serinane wa tlhotshwa go tshwara segopotso se.

O tlhalositse fa thulaganyo e le gore ba rapedise makoa otlhe le gone go rapedisa ba ba lwalang le ba ba sa rapeleng.

Moruti Bathusi Tonoko o ne a fa mafoko a kgothatso ka lekwalo la Ditirafalo wa bobedi, kgaolo ya bosupa temana e le ya lesome le bone e e reng, ‘Fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ka ikokobetsa mme ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo, foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone’.

 Moruti Tonoko o ne a tlhalosa fa batho botlhe ba tlhokana le Modimo wa ntshafatso le kago, mme a kopa botlhe go mo rapela ka boammaaruri.

O tlhalositse fa botshelo jwa motho e le pitso, bokao jwa tshiamo le lesedi mme go na le batho ba ba go lebileng, ka jalo go le botlhokwa go tshela ka boammaaruri.

 Moruti Lefoko Simon ene o ne a kgothatsa ka mafoko a Baroma kgaolo ya lesome le borataro, temana ya lesome le borataro a a reng, ‘Lo dumedisanye ka katlo e e boitshepo, diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa’.

Baruti ka go farologana ba ne ba rapedisa makoa a a farologanyeng, manyalo le ditlhopho, dikotsi tsa tsela, mowa wa leso, tshwaragano ya bodiredi jwa ga Keresete le nno-tagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SERINANE

Event : Diphuthego

Date : 11 Jun 2024