Breaking News

Puso e filhelela seelo sa kabo ditsha

11 Jun 2024

 Setsha sa bo 99 900 se se neng se ajwa kwa kgotleng ya Makakatlela kwa Mochudi ka Labotlhano, se tlaa gakologelwa mo ditsong tsa kabo ya lefatshe ka jaana se ne se digela karolo e e botlhokwa ya go diragatsa seelo sa puso sa go aba ditsha di le 100 000 mo dingwageng tse pedi.

Setsha se, se ne se atumetsa maitlamo a Lephata le Merero ya Ditsha le Metsi a go fitlhelela seelo sa go aba ditsha di le 100 000. Mme Dimpho Sebolawe wa dingwaga tse di masome mararo o ne a tletse monyenyo fa a abelwa setsha, a bolela fa a sa kgone go dumela se a se bonang.

Mme Sebolawe a re o sale a ikopela setsha ka 2014, mme e o ne a setse a tletswe ke boitlhobogo. O itumeletse setsha sa gagwe se a reng se mo tlotlomaditse ka jaana a se abetswe ke Tona ya Merero ya Ditsha le Metsi, Dr Kefentse Mzwinila. Mme Sebolawe o ntse  a nna le mmaagwe le bana ba gagwe ba le babedi. A re o ikaelela go tlhabolola setsha sa gagwe ka bofefo gore a godisetse bana ba gagwe kwa lapeng la gagwe.

Dr Mzwinila o boleletse kokoano e e neng e le foo gore e rile ka 2022, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ntsha taelo ya gore makgotla a kabo ditsha a abe ditsha di le 100 000 mo dingwageng tse pedi, lefatshe ka bophara.

A re puso e kgonne se ka go fetola melawana ya kabo lefatshe gore lefatshe la morafe le lone le nne le boleng jo bo lekanang le lefatshe la beng, mme e rile fa go fetolwa molao wa tsamaiso lefatshe wa 2015 (2015 Land Policy), ga dirwa ditlankana tsa Secure Land Title, tse di fang Motswana seriti sa go ka ithusa ka setsha sa boleng jo bo kwa godimo.

Tona Mzwinila o boletse gore mo lebelong leo, makgotla a kabo ditsha go ralala lefatshe a ne a tshematshema go goroga kwa seelong seo, ka dikgwetlho tse dintsi ka jaana ba ne ba dirisa ditlamelo tse di sa okediwang, mme ba patelesega go ntsha maduo.

“Tiro e, e ne e re gwetlha go dira mmogo, go tlhabolola ka fa re ntseng re dira dilo ka teng, le go fetola dikakanyo,” ga bua jalo Tona Mzwinila. Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o iteetse legofi tiro e, a re e supile bokgabane jo bo kwa godimo jwa Lephata la Merero ya Ditsha le Metsi le makgotla a kabo ditsha lefatshe ka bophara.

Rre Pule o boletse fa go nna le setsha sa bonno go ofa motho seriti ka jaana o abo a na le kwa a bayang tlhogo teng. Rre Pule a re tiro e e supa maikemisetso a puso a go diragatsa tse di solofeditsweng Batswana ka 2019.

A re se gape se tsamaisana le maikemisetso magolo a ga Tautona a Reset Agenda le Economic Recovery and Transformation Plan. Re Pule o kopile Batswana go tswa mo mokgweng wa go rekisa ditsha, a bolela fa bontsi jwa ditsha bo rekisediwa Batswakwa, selo se a reng se busetsa kwa morago maitlamo a puso a gore Motswana mongwe le mongwe a nne le setsha sa bonno.

Mothusa kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai, o boletse fa Bakgatla ba lela ka go tlhoka ditsha tsa bonno. A re go utlwisa botlhoko gore bana ba bana ba be ba golela kwa malapeng a bo rraabone mogolwagolwane. Kgosi Sekai o kopile lephata la Merero ya Ditsha le Metsi go netefatsa gore ditsha tsa dikgotlana di abelwa ditlankana. Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Association of Tribal Land Authorities, Rre Kgang Kgang o akgotse makgotla a kabo ditsha go ralala lefatshe a re ba dirile mmogo ka bopelotelele, mme go na le dikgwetlho ka jaana ditsha tsa bonno di tlhaela.

Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela, o rotloeditse Bakgatla go dirisanya sentle le puso, a re se se kgonagetse ka jaana bangwe ba dumetse go aba masimo a bone. Rre Mmusi o lebogetse puso go netefatsa gore lenaneo le, le tsisa tsholofelo mo Batswaneng, le go fetola melawana wa lefatshe, e e dirileng gore lefatshe la morafe le nne le boleng jo bo kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MOCHUDI

Event : Kabo ditsha

Date : 11 Jun 2024