Sekole sa Shashe River se ikgata motlhala
09 Jun 2024
Mo maitekong a go busetsa serodumo sa sone sa go galalela ka maduo a mantle, sekole sa Shashe River kwa Tonota se kgobokantse P133 000 ka motsamao wa dikhilomithara tse some.
Madi ao a tlaa dirisiwe mo go ipeleleng maduo le go kgothatsa bana le barutabana go ntsha ga tshwene. Khamphani ya CCP Botswana, e e leng ya baitseanape ba maranyane, e kopane le komiti kgolo ya ba ba kileng ba tsena kwa Shashe River, ba kgobokantse P40 000, boora Joseph Peloetletse mo Tonota ba ntsha P50 000 fa bana le badiri ba sekole ba kgobokantse P40 000.
E rile a bua morago ga motsamao, Rre Kobamelo Kgoboko yo e neng e le molalediwa wa tlotla a bolela fa sekole seo se ikaelela go boela kwa bommampoding jwa sone.
Rre Kgoboko, yo e leng mookamedi wa CCP Botswana, a re Shashe River e itsege ka maduo a mantle, mme ga go pale sepe gore sekole seo se boe se tsabakele. Mo godimo ga moo, a re sekole seo se itsege ka go itlhamela mananeo a a faphegileng. Le fa go ntse jalo, Rre Kgoboko are jaaka sekole sengwe le sengwe mo Botswana, Shashe River e na le dikgwetlho.
A re jaaka lefatshe le fetoga ka bofefo, thuto le yone e a fetoga; madi a a abelwang thuto a a fokodiwa, tsa maranyane di a fetoga di batla go tsibogelwa. Le fa go ntse jalo, a re mathata ao, a ka fenngwa e bile e tswanetse ya lejwa ele meyetla ya kgolo.
O tlhalositse fa sekole seo se setse se simolotse go ikgata motlhala go boela kwa dinakong tsa go tsabakela.
A re go tsaya maemo a borobabobedi mo ditlhatlhobong tsa 2022 lefatshe ka bophara le maemo a bobedi mo kgaolong ngwaga tlola ga mmogo le go tsaya maemo a borataro lefatshe ka bophara ngogola le a ntlha mo kgaolong go supa fa mananeo a kemo-nokeng a bereka.
A re go baya seemo leitlho le thuto-tlaleletso e e fiwang bana ka bongwe ka bongwe go ya ka matlhoko a bone ke mangwe a maiteko a sekole a a thusitseng go tokafatsa maduo.
O lebogetse le kemo-nokeng ya komiti ya batsadi le barutabana a re e tlaa thusa sekole go bona maduo. Rre Kgoboko a re seemo sa gompieko se batla ba-tsaya karolo ba ititaya ka thupana.
Modulasetilo wa komiti kgolo ya ba ba kileng ba tsena kwa Shashe River Rre Sherman Selepe o tlhalositse fa komiti eo e tlhametswe go tokafatsa maduo ka go siamisa tikologo.
A re gape maikaelelo ke go godisa boeteledipele ba kamoso ba ba nang le maikarabelo mo mehamemg yotlhe ya itsholelo, a tlatsa ka go re ke maikarabelo a botlhe go netefatsa gore sekole seo se bona tse se di tlhokang go fenya ditlhatlhobo.
A re sekole se seka sa fapoga tsela, a tlatsa ka go re go nna le baithuti ba le bararo mo maemong a a kwa godimodimo ngogola ke sesupo sa gore se ka tsaya maemo a ntlha Botswana ka bophara.
Fa a amogela baeng, Mogokgo Mpaladzi Majingo o ne a kopa batsadi go emela thuto ya bana ka dinao. A re setlhogo se se reng; Taking Shashe River School Back to it’s Glory Days (Go buseletsa serodumo sa sekole sa Shashe River) ke maikarabelo a ba-tsaya karolo e bile se batla phetogo le tsoseletso.
Rre Majingo a re molaetsa wa setlhogo o motlhofo mme o kwenne ka jaana sekole seo, se se kileng sa bo e le sekgantshwane sa thuto e e kwa godimo, jaanong se phutlhame mme go batla maikatlapelo a botlhe go se tsholetsa gape. Mothusa mogokgo, Rre George Showa a re maikaelelo ke go isa sekole sa Shashe kwa borarong jo bo kwa godimo mo sebakeng se se sa fediseng pelo, a tlatsa ga go re seo se ka kgonega fa ba-tsaya karolo ba ka inaakanya le go ema sekole nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TONOTA
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jun 2024