Breaking News

Ba ipaakanyetsa go amogela dikgomo

09 Jun 2024

Kwa Butale, motsana o o kwa Bokone Botlhaba jwa Botswana go boitumelo jaaka barui ba ipaakanyetsa go amogela dikgomo tsa puseletso.

Ka tsholofelo e e sa tlhabiseng ditlhong, barui ba semeletse ba aga masaka, ba gagamatsa diterata, le digotlo ba di papanela gore fa le goroga letsatsi, ba fitlhelwe ba le malala a laotswe go amogela medimo e e nko e metsi, e ba kileng ba bo ba humile ka yone e bile e ba fa seriti.

Ka e ne e le boremelelo jwa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo neng jwa tlhagoga ngogola, motse wa Butale ke one o Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlaa yang kwa go one tsatsi leno go simolodisa semmuso letsholo la go busetsa dikgomo kwa thoteng ya Zone 6 (b).

Zone 6 (b) e akaretsa Jackals No.1, Jackals No.2, Tsamaya, Siviya, Butale, Mabudzane, Tshesebe, Mowana le Ramokgwebana.

Kgosi Grace Butale wa Butale o boleletse BOPA mo potsolotsong gore paakanyetso kamogelo ya loruo e tsweletse sentle.

O tlhalositse gore malapa ka bontsi a tlhantlhetse a aga masaka le megotlha.

Kgosi Butale o tlhalositse gore go tla ga ga Tautona go papamatsa maitlamo a puso a go tsosolosa le go tlotlomatsa mhama wa temo-thuo, bogolo jang thuo, e e leng botlhokwa thata mo itsholelong le botshelo jwa bontsi.

 A re go tla ga ga Tautona ke go supa kutlwelobotlhoko le kemo-nokeng ya ofisi ya ga Tautona ka sebele, e le esupo sa boineelo jwa puso mo go thusang setshaba mo dinakong tse di thata, go fa batho tsholofelo le go kgothatsa ba ba tlhokileng lesego.

Rre Zenzo Mdongo o ne a leboga Modimo ka puseletso ya leruo a re bolwetse bo ne bo ba sotlile.

Rre Mdongo a re barui ka ene ba ikemiseditse go ipetlela bokamoso le ha go ka nna thata jang.

Mathata a a lebaganeng Rre Mdongo le barui ka ene a mantsi; go masaka a a onetseng, badisa ba ba faletseng, matamo a a kgadileng, go sa buiwe ka leuba le le apesitseng kgaolo le Botswana ka bophara kobo ka letshoba.

Ka lesego puso e ntshitse dithuso di tshwana le phokoletso ditlhwatlhwa mo dijong tsa leruo, mme go ya ka Rre Mdongo, go tlaa tsaya nako go busetsa seemo mannong.

Le fa go ntse jalo, Rre Mdongo le barui ba bangwe ba tsepame mo maikaelelong a bone a go somarela le go godisa se puso e se ba neelang.

Mme Masego Geoffrey are le fa a itumelela dithuso tsa puso, o eletsa puseletso e kabo e emisitswe pele go fitlhelela leuba le okobala ka gore go tsile go nna thata go tlhokomela leruo go sena phulo. A re lepotlapotla le ja phokwana, ka jalo puso e kabo e iketlile pele ya emela Phatwe kgotsa Phalane ka ke tsone dikgwedi tse lefatshe leno le nelwang ke dipula tsa ntlha fa mariga a fela.

Morago ga polao ya dikgomo go laola bolwetse, barui ba ne ba phimolwa keledi ka bontlha bongwe jo e neng e le madi, jaanong bontlha bongwe jo e leng dikgomo ke gone bo tlaa tsisiwang. Phimolo keledi e e tsile e le motshedisi go barui ka bontsi bo ne bo gateletswe ke lehuma ka ntlha ya tlhako le molomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Jun 2024