Magosi a Serowe a abetse legae la bana la SOS madi
06 Jun 2024
Mothusa Kgosi ya Ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o kgothaditse bana ba ba tsenang dikole ba nna kwa legaeng la bana la SOS kwa Serowe go ithuta ka tlhoafalo le go tshepha Modimo.
Mo boemong jwa dikgosi tsa Serowe, Kgosi Seretse o abetse SOS P4 430, go thusa mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.
A re magosi a tlhaloganya dikgwetlho tsa legae la bana mme a ba rotloetsa go dira ka natla go tlhabolola matshelo a bone ka e le bone bagogi ba komoso.
O tlhalositse fa mpho e, e tswa kwa dikgosing tsa Serowe.
Kgosi Serogola o gakolotse bana go ikgapha mo dino-taging le ditiro tse dingwe tse di maswe.
A re batsadi ba ba tlhokomelang bana ba arabile pitso ya Modimo ka ba dira tiro e e batlang lerato, bopelopetelele le tshwaragano mme a ba eleletsa gore Modimo a ba okeletse.
A re ba itse fa magosi a ba eme nokeng.
Motlhokomedi wa bana, Mme Leronne Nkwati o lebogile dikgosi, a re mpho e, e tlaa ba solegela molemo ka ba tlaa tsweledisa ditiro tse dingwe tsa legae.
O kaile fa dikgosi di aga di ba gopola le go ba etela, go itse ka matlhoko a bone.
Mogolwane kwa SOS, Rre Mopati Mosarwa, o boletse fa legae la bana e se sekole jaaka bangwe ba akanya, mme e le legae la bana, le le diretsweng bana ba ba tlhokang tlhokomelo kwa malapeng, masiela, ba ba tlogetsweng ke batsadi le ba ba tlhokang dithuso.
A re ga ba dire madi mme ba tshela ka go kopa dithuso mo bathong ka bongwe ka bongwe le dikhamphani, a bo a tlhalosa fa makgotla a bobelotlhomogi a mafatshe a sa tlhole a thusa legae la bana ka ntata ya gore Botswana o lekanyediwa fa a na le itsholelo e e botoka ka ikemela.
A re legae le na le bana ba le masome a supa le botlhano, go simolola ka yo o nang le dikgwedi tse pedi go ya kwa go ba ba tsenang kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro.
O kaile fa maikaelelo a bone e le gore ka 2027 go bo go sena ngwana o pe kwa legaeng la bana, ba ile kwa malapeng kwa batsading le masika a bone ba tlhokomelelwa koo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 06 Jun 2024